A A A A A

Sins: [Adultery]


1 BAKORINTHE 6:18
Tshabang boaka! Maleo otlhe a motho o a dirang a kwa ntle ga mmele; mme yo o akafalang o leofela mmele wa gagwe.

EKESODU 20:14
“O se ka wa akafala.

BAHEBERE 13:4
A nyalano e tlotliwe mo go botlhe, mme bolao bo se kgotlelwe; gonne Modimo o tla atlhola diaka le ba ba senyang nyalano.

JAKOBO 4:17
Jaanong yo o itseng go dira molemo, mme a sa o dire, o a leofa.

JEREMIA 13:27
ke raya tshenyo ya nyalo ya gago le go kua ga gago jaaka pitse e e ikatakang, le boaka jwa gago jo bo tlhabisang ditlhong. Ke bonye maila a gago mo dithabaneng le mo nageng. A tatlhego ya gago wee, Jerusalema! Go tla tsaya sebaka se se kana kang go tsamaya ò itsheke?

1 JOHANE 1:9
mme fa re ipobola maleo a rona, ona o boikanyo le tshiamo go re itshwarela maleo le go re itshekisa tshiamololo yotlhe.

LUKA 16:18
“Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, a nyala o sele, o dira kgokafalo; le yo o nyalang mosadi yo o tlhadilweng ke monna, o dira kgokafalo.

MATHEO 19:9
Mme nna ke lo raya ke re: Motho yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka ntlha ya boaka, a ba a nyala o sele, o senya kgolagano ya nyalo; le yo o mo nyalang a sena go tlhalwa, o senya kgolagano ya nyalo.”

DIANE 6:32
Mme yo o senyang nyalo le mosadi o sele o a tsenwa; go dira ene fela yo o ratang go itshenyetsa bophelo.

BAROMA 7:2-3
[2] Kana mosadi yo o nang le monna wa gagwe o golegeletswe mo monneng ka molao, fa monna a sa ntse a phela; mme fa monna a sule, foo o tla bo a golotswe mo molaong wa lenyalo.[3] Jaanong fa a ka nna wa monna yo mongwe, monna wa gagwe a sa tshela, go tla twe o kgotlela nyalo; mme fa monna a sule, foo o tla bo a golotswe mo molaong, mme ga go nke go twe o kgotlela nyalo, le fa a ka nna wa monna yo mongwe.

MAREKO 10:11-12
[11] A ba raya a re: “Fa motho a tlhala mosadi wa gagwe, a nyala o sele, o mo senyetsa nyalano.[12] Le mosadi, fa a tlhala monna wa gagwe, a nyalwa ke o sele, o senya nyalano.”

MATHEO 5:27-32
[27] “Lo utlwile gore go tilwe: ‘O se ka wa dira boaka.’[28] Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong ya gagwe.[29] Fa leitlho la gago le le jang le go kgopisa, ò le gonye, ò le latlhe; gonne go molemo mo go wena, fa nngwe ya ditokololo tsa gago e ka senyega, gore go se latlhelwe mmele otlhe wa gago mo moleteng wa molelo.[30] Fa letsogo la gago le le jang le go kgopisa, ò le kgaole, ò le latlhe; gonne go molemo mo go wena, fa nngwe ya ditokololo tsa gago e ka senyega, gore go se latlhelwe mmele otlhe wa gago mo moleteng wa molelo.[31] “Gape go tilwe: ‘Yo o tlhalang mosadi wa gagwe, a a mo nee lokwalo lwa tlhalo.’[32] Mme nna ke lo raya ke re: Mongwe le mongwe yo o tlhalang mosadi wa gagwe, e se ka ntlha ya boaka, o mo dira seaka; mme yo o nyalang yo o tlhadilweng, o dira boaka.

1 BAKORINTHE 6:9-16
[9] A kampo ga lo itse gore basiamolodi ga ba kitla ba rua puso ya Modimo? Se tsietsegeng; le fa e le diaka gongwe badiredi-medimo gongwe batlhadi gongwe banna ba ba akafalang le banna[10] gongwe magodu gongwe ba ba bohula gongwe matagwa gongwe bakgadi gongwe dinokwane, ga go ope wa bone yo o tla ruang puso ya Modimo.[11] Bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo; mme jaanong lo tlhapisitswe, lo itshepisitswe, lo siamisitswe ka leina la Morena Jesu Keresete le ka Mowa wa Modimo wa rona.[12] Ke letleletswe tsotlhe, mme ga di thuse tsotlhe; ke letleletswe tsotlhe, mme ga ke leseletse sepe sa tsona go ntaola.[13] Dijo ke tsa mpa, mpa ke ya dijo; mme Modimo o tla di nyeletsa ka bobedi jwa tsona. Mmele ona ga se wa boaka, mme ke wa Morena, mme Morena ke wa mmele.[14] Kana Morena ke yo Modimo o mo tsositseng; le rona o tla re tsosa ka thata ya ona.[15] A ga lo itse gore mebele ya lona ke ditokololo tsa ga Keresete? A jaanong nka tsaya ditokololo tsa ga Keresete, ka di dira ditokololo tsa seaka? Le go ka![16] A kampo ga lo itse gore yo o ngaparetseng seaka, o mmele o le mongwe fela naso? Gonne go a twe: “Ba babedi bao ba tla nna nama e le nngwe fela.”

LUKA 18:18-20
[18] Jaanong molaodi mongwe a mmotsa a re: “Moruti yo o molemo, nka dirang gore ke rue bophelo jo bo sa khutleng?”[19] Mme Jesu a mo araba a re: “O mpiletsang yo o molemo? Ga go ope yo o molemo, fa e se a le mongwe fela, e bong Modimo.[20] Ditaolo o a di itse, tse di reng: ‘O se ka wa akafala; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa supa tshupo ya kako; tlotla rraago le mmaago.’ ”

1 BATHESALONIKA 4:3-5
[3] gonne se Modimo o se batlang ke boitshepiso jwa lona gore lo tile boaka,[4] gore mongwe le mongwe wa lona a itse go nyala mosadi ka boitshepo le tlotlo,[5] e seng ka go fenngwa ke keletso, jaaka baheitane ba ba sa itseng Modimo.

MAREKO 7:20-23
[20] A boa a re: “Se se tswang mo teng ga motho ke sona se se mo itshekololang.[21] Gonne mo teng, mo dipelong tsa batho, go tswa dikakanyo tse di bosula, e bong dikgokafalo le tsa bogodu le dipolao,[22] le tsa boikanyologo jwa banyalani le megagaru le tsa bokgopo le bolotsana le boitaolo le lefufa le go kgala le boikgantsho le bosilo.[23] Tsotlhe tse di bosula tseo di tswa mo teng, di itshekolola motho.”

MATHEO 15:17-20
[17] A ga lo lemoge gore tsotlhe tse di tsenang ka legano di fetela mo mpeng, di be di ye go latlhelwa kwa ntle?[18] Mme tse di tswang ka molomo di tswa mo pelong; ke tsona tse di itshekololang motho;[19] gonne mo pelong go tswa dikakanyo tse di bosula, e bong dipolao le tsa boikanyologo jwa banyalani le tsa boaka le tsa bogodu le ditshupo tsa maaka le dikgalo.[20] Ke tsona tse di itshekololang motho. Mme go ja ka diatla tse di sa tlhapiwang ga go itshekolole motho.”

DIANE 5:18-23
[18] A motswedi wa gago o tshegofale; o itumelele mosadi wa bošwa jwa gago o le nosi.[19] O a ratega jaaka tshephe e namagadi, o montle jaaka mofele o monamagadi. A bontle jwa gagwe bo go lapolose ka metlha, wena o nne o itumele ka lorato lwa gagwe.[20] Morwaaka, o ratelang go kgatlhwa ke mosadi o sele? O ka tlamparela jang mosadi yo e seng wa gago?[21] Gonne ditsela tsa mongwe le mongwe di bonwa ke matlho a Morena; o ntse a tlhokomela metlhala yotlhe ya gagwe.[22] Moikepi o tla tshwarwa ka melato ya gagwe, a golegwa ka megala ya boleo jwa gagwe.[23] O tla swa ka go sa rutega, a latlhega ka bosilo jo bogolo jwa gagwe.

JOHANE 8:4-11
[4] ba mo raya ba re: “Moruti, mosadi yo, o tshwerwe, a akafala.[5] Mme Moše o re laetse mo molaong gore ba ba ntseng jalo ba kgobotlediwe ka majwe. Jaanong wena o a reng?”[6] Ba ne ba bua jalo, e le go mo lalela gore ba baane le se ba ka mmayang molato ka sona. Mme Jesu a inama, a kwala ka monwana fa fatshe.[7] Ya re ba tsweletse go mmotsa, a inamologa, a ba raya a re: “Yo o se nang sebe mo go lona, a e nne ene wa ntlha yo o mo konopang ka lentswe.”[8] A boa a inama, a kwala fa fatshe.[9] Ya re ba utlwa, mme ba latofadiwa ke digakolodi tsa bone, ba tswa ka monokela go simolola ka bagolo go ya go wa bofelo, Jesu a tlogelwa a le esi, le mosadi a ntse a eme fa gare.[10] Ya re Jesu a inamologa, mme a sa bone ope, fa e se mosadi fela, a mo raya a re: “Mosadi, balatofatsi bale ba gago ba kae? A ga go ope yo o go atlhotseng?”[11] Yoo a re: “Ga go ope, Morena.” Jesu a mo raya a re: “Le nna ga ke go atlhole. Tloga o tsamae, mme o se tlhole o leofa.”

DIANE 6:20-35
[20] Ngwanaka, boloka taolo ya ga rraago; se latlhe thuto ya ga mmaago.[21] Di golegelele mo pelong ya gago ka metlha, o di apare mo molaleng wa gago.[22] A di go pate, fa o tsamaya; di go sireletse, fa o robala; di bue nao, fa o thanya.[23] Gonne taolo ke lobone, thuto ke lesedi; dikgalemelo tsa thuto ke tsela ya bophelo[24] gore di go thibose mo mosading yo o bosula le mo boretheng jwa loleme lwa mosadi wa yo mongwe.[25] Se eletse bontle jwa gagwe ka pelo ya gago; le gona a a se ka a go gapa ka dintshi tsa matlho a gagwe.[26] Gonne mosadi wa seaka o humanegisa motho, mme mosadi wa monna yo mongwe o tsoma bophelo jo bo rategang.[27] A motho o ka lokela molelo mo kgwatlheng ya gagwe, diaparo tsa gagwe di sa šwe?[28] Gongwe a motho o ka gata magala, mme a se ka a šwa dinao?[29] Yo o tsenang kwa mosading wa mongwe-ka-ene o ntse jalo; mongwe le mongwe yo o mo amang ga a ka ke a falola mo petsong.[30] Legodu ga le nyatsege, fa le utswa gore le kgorise keletso ya lone, fa le bolawa ke tlala.[31] Fa le tshwarwa, le ka lefa gasupa; le ka ntsha dithoto tsotlhe tsa ntlo ya lone.[32] Mme yo o senyang nyalo le mosadi o sele o a tsenwa; go dira ene fela yo o ratang go itshenyetsa bophelo.[33] O tla kgwatha ka ditlhong; nyatsego ya gagwe ke e e sa phimolweng.[34] Gonne fa bogale jwa monna e le jwa lefufa, ga a kitla a rekegela ka letsatsi la pusoloso;[35] ga a nke a go itshwarela, le fa o ntsha tefa; ga a nke a diga pelo, le fa o ntsha dineo tse dintsi.

DIANE 5:3-22
[3] Gonne molomo wa mosadi o sele o rothisa mafura a dinotshe; magalapa a gagwe a borethe bogolo go lookwane.[4] Mme la bofelo o galaka jaaka longana; o bogale jaaka tšhaka e e magale-mabedi.[5] Maoto a gagwe a fologela kwa losong; dikgato tsa gagwe di ntse di atamela felo ga baswi.[6] Ditselana tsa gagwe ke tsa go kgarakgatshega a sa itse gore a se ka a tlhamalela mo tseleng ya bophelo.[7] Mme jaanong, banaka, nkutlweng; se tlogeleng mafoko a molomo wa me![8] A tsela ya gago e nne kgakala nae; se atamele mojako wa ntlo ya gagwe.[9] E se re gongwe wa naya ba bangwe thata ya bošwa jwa gago, le e seng go naya mosadi yo o setlhogo dinyaga tsa gago,[10] e se re gongwe ba bangwe ba kgora ka thata ya gago le ka tse o di bonyeng ka matsapa, tsa ya mo ntlong ya motho o sele.[11] E se re gongwe mo bokhutlong jwa gago, fa go fela mmele wa gago le nama ya gago, o a fegelwa,[12] o a re: “Joo nna wee! Ke ne ke reng, fa ke ila thuto; fa pelo ya me e nyatsa kgalemelo,[13] fa ke sa utlwe mantswe a baruti ba me fa ke sa sekegele ba ba nthutang tsebe![14] Ke batlile go wela gotlhe mo tatlhegong, ke le mo gare ga batho le phuthego!”[15] Nnyaya! Nwaa metsi a sediba sa gago, a a tswelang mo motsweding wa gago.[16] A o a re, metswedi ya gago e tshologele kwa ntle; dinokana tsa metsi tsa gago di ele mo dipatlelong?[17] Nnyaya! A e nne tsa gago o le nosi, e seng tsa ba bangwe nao![18] A motswedi wa gago o tshegofale; o itumelele mosadi wa bošwa jwa gago o le nosi.[19] O a ratega jaaka tshephe e namagadi, o montle jaaka mofele o monamagadi. A bontle jwa gagwe bo go lapolose ka metlha, wena o nne o itumele ka lorato lwa gagwe.[20] Morwaaka, o ratelang go kgatlhwa ke mosadi o sele? O ka tlamparela jang mosadi yo e seng wa gago?[21] Gonne ditsela tsa mongwe le mongwe di bonwa ke matlho a Morena; o ntse a tlhokomela metlhala yotlhe ya gagwe.[22] Moikepi o tla tshwarwa ka melato ya gagwe, a golegwa ka megala ya boleo jwa gagwe.

1 BAKORINTHE 7:1-40
[1] Jaanong fa e le tse lo di nkwaletseng, ka re: Go molemo mo monneng, fa a sa ame mosadi.[2] Mme ka go tshaba boaka a monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe, le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe.[3] A monna a nee mosadi se e leng tshwanelo, le ene mosadi a dire jalo mo monneng.[4] Mosadi ga a laole mmele wa gagwe, o laolwa ke monna; jalo le monna ga a laole mmele wa gagwe, o laolwa ke mosadi.[5] Lo se ikgogonelane, fa e se ka tumelano ka sebakanyana, gore lo nne le nako ya go rapela; lo be lo kopane gape gore Satane a se lo raele, ka lo palelwa ke go itshwara.[6] Mme ke bua jalo ka tetlelelo, e seng ka taolo.[7] Gonne ke eletsa gore e kete batho botlhe ba ka bo ba ntse jaaka nna. Fela mongwe le mongwe o na le neo ya gagwe e e tswang mo Modimong, yo mongwe jaana, yo mongwe ka go sele.[8] Mme ba ba iseng ba nyale gongwe go nyalwa, le bone batlholagadi, ke ba raya ke re: Go molemo go bone, fa ba ka nna jaaka nna.[9] Le gale fa ba palelwa ke go itshwara, a ba nyale gongwe ba nyalwe; gonne go nyala gongwe go nyalwa go molemo bogolo go go gotela.[10] Mme ba ba nyalanyeng bone ba laelwa ke Morena, e seng nna, gore mosadi a se ka a tlhala monna,[11] – mme fa a mo tlhadile, a a nne fela a sa nyalwa gape; go seng jalo, a a ithuanye le monna wa gagwe – le ene monna a a se tlhale mosadi.[12] Ba bangwe nna ke a ba raya, e seng Morena, ka re: Fa modumedi mongwe a na le mosadi yo o sa dumeleng, mme mosadi a dumetse go nna nae, a monna a se mo tlhale.[13] Le mosadi yo o nang le monna yo o sa dumeleng, mme monna a dumetse go nna nae, a mosadi a se mo tlhale.[14] Gonne monna yo o sa dumeleng o itshepisitswe ka mosadi, le mosadi yo o sa dumeleng o itshepisitswe ka monna. Fa go ka bo go sa nna jalo, bana ba lona ba ka bo ba sa itsheka; mme jaanong ba itshepile.[15] Mme yo o sa dumeleng, fa a tlhala, a a tlhale. Fa go ntse jalo, modumedi wa monna gongwe wa mosadi ga a bofega; Modimo o re bileditse kagisong.[16] Gonne, wena mosadi, o itse jang gore o ka pholosa monna? Gongwe wena monna, o itse jang gore o ka pholosa mosadi?[17] Fela a mongwe le mongwe a tsamae ka fa Morena a mo abetseng ka teng, le ka fa Modimo o mmiditseng ka teng. Ke laya jalo mo diphuthegong tsotlhe.[18] Yo o biditsweng a rupile a a se eletse go sa rupeng; yo o biditsweng a sa rupa a a se rupe.[19] Thupiso ga se sepe, le go sa rupang ga se sepe; se segolo ke go tlhokomela ditaolo tsa Modimo.[20] A mongwe le mongwe a sale mo maemong a o biditsweng a le mo go ona.[21] Fa o biditswe o le motlhanka, se ngongorege; mme fa o ka gologa, o go dirise bogolo.[22] Gonne yo o biditsweng ke Morena e le motlhanka, ke mogololesegi wa Morena; le gona jalo ene yo o biditsweng a gololesegile, ke motlhanka wa ga Keresete.[23] Lo rekilwe ka tlhwatlhwa e kgolo; se nneng batlhanka ba batho.[24] Ba ga etsho, a mongwe le mongwe a sale fa pele ga Modimo mo maemong a o biditsweng a le mo go ona.[25] Ntlheng ya makgarebe gona ga ke na taolo ya Morena, mme ke bolela maikutlo a me, nna yo ke bonyeng kutlwelo-botlhoko ya Morena gore ke nne yo o ikanyegang.[26] Jaanong ke bona gore go molemo ka ntlha ya tlalelo ya sebaka seno, go molemo mo mothong go nna ka fa a ntseng ka teng.[27] Fa o kopantswe le mosadi, se batle tlhalo; fa o sa kopanngwa le mosadi, se batle mosadi.[28] Mme le fa o ka nyala, o tla bo o sa leofe. Le gale, ba ba ntseng jalo ba tla bona makete mo nameng; mme nna ke ne ke rata go lo rekegela.[29] Ba ga etsho, se ke se bolelang ke se: Nako e khutshwane; mme e bile ka re: Le bone ba ba nang le basadi, a ba nne jaaka e kete ga ba na nabo.[30] Le ba ba lelang, a ba nne jaaka e kete ga ba lele; le ba ba itumelang, a ba nne jaaka e kete ga ba itumele; le ba ba rekang, a ba nne jaaka e kete ga ba na sepe;[31] le ba ba dirisang tsa lefatshe leno, a ba nne jaaka e kete ga ba di dirise; gonne popego ya lefatshe leno e a feta.[32] Mme ke rata gore lo nne lo se na tshwenyego. Yo o sa nyalang o tlhokomela tsa Morena ka fa a ka kgatlhang Morena ka teng.[33] Yo o nyetseng ene o tlhokomela tsa lefatshe ka fa a ka kgatlhang mosadi ka teng.[34] Mosadi ga a tshwane le lekgarebe; yo o sa nyalwang o tlhokomela tsa Morena, gore a nne boitshepo ka fa mmeleng le ka fa moweng; mme yo o nyetsweng ene o tlhokomela tsa lefatshe ka fa a ka kgatlhang monna ka teng.[35] Ke bua jalo gore go nne molemo go lona ka losi, e seng gore ke lo tshware ka segole, mme e le gore lo nne mo Moreneng ka maitsholo a mantle le ka tlhomamo, go se na kgoreletsego.[36] Fa mongwe a gopola gore o direla ngwana wa gagwe wa lekgarebe ka go sa tshwanelang, fa le setse le lekanye go ka nyalwa, mme go tshwanetse ga nna jalo, a a dire se a se ratang, ga a leofe; a ba nyalane.[37] Mme ene yo o tlhomameng mo pelong ya gagwe, a sa patelediwe ke sepe, a na le thata go dirafatsa thato ya gagwe, e bile a ikaeletse mo pelong ya gagwe gore o tla thibelela ngwana wa gagwe wa lekgarebe go nyalwa, o tla bo a dira sentle.[38] Jalo he, yo o nyadisang ngwana wa gagwe wa lekgarebe o dira sentle; mme yo o sa mo nyadiseng, ene o tla bo a dira sentle bogolo.[39] Mosadi o golegilwe ka molao, fa monna wa gagwe a sa ntse a tshela; mme fa monna wa gagwe a sule, o tla bo a letleletswe go nyalwa ke yo mosadi a mo ratang, fela e nne mo Moreneng.[40] Mme ka fa maikutlong a me o sego bogolo, fa a ka nna fela jaaka a ntse, mme ke gopola gore le nna ke na le Mowa wa Modimo.

Tswana Bible 1970
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. All rights reserved