1 DIKGOSI 7:23 |
Le gona a dira lewatle le le bopilweng ka kgotlho. Go le kgabaganya go tswa losing go ya losing e ne e le mabogo a le some; le le tshekeletsa; boteng jwa lone e le mabogo a le matlhano, mme mogala wa mabogo a le 30 o le kopanya tikologong. |
|
NUMERI 11:11 |
Ke fa Moše a raya Morena a re: “O tlhokofaletsang motlhanka wa gago? Ke eng fa ke sa bone bopelotlhomogi mo matlhong a gago, mo o nthwesitseng morwalo ka morafe otlhe o? |
|
DOITERONOMIO 1:11 |
Mme a Morena a lo okeletse ba ba kana ka lona gasekete, a lo tshegofatse jaaka a lo solofeditse! |
|
LEFITIKO 20:13 |
Fa monna a robala le monna jaaka go robalwa le mosadi, ba dirile maila boo babedi. Ba tshwanetse go bolawa. Ba bolawa ka molato wa bone. |
|
1 BAKORINTHE 6:9-11 |
[9] A kampo ga lo itse gore basiamolodi ga ba kitla ba rua puso ya Modimo? Se tsietsegeng; le fa e le diaka gongwe badiredi-medimo gongwe batlhadi gongwe banna ba ba akafalang le banna[10] gongwe magodu gongwe ba ba bohula gongwe matagwa gongwe bakgadi gongwe dinokwane, ga go ope wa bone yo o tla ruang puso ya Modimo.[11] Bangwe ba lona ba ne ba ntse jalo; mme jaanong lo tlhapisitswe, lo itshepisitswe, lo siamisitswe ka leina la Morena Jesu Keresete le ka Mowa wa Modimo wa rona. |
|
1 BAKORINTHE 10:13 |
Lona ga lo ise lo tshwarwe ke thaelo epe e e ka palelang motho. Mme Modimo o boikanyo, o o se kitlang o lo lesa lwa raelwa mo go fetang thata ya lona, mme o tla lo direla phatlha mo thaelong gore lo kgone go e itshokela. |
|
BAROMA 1:20 |
Kana go tswa tlholegong ya lefatshe bosabonweng jwa ona, e bong thata e e sa khutleng ya ona le Bodimo jwa ona, bo lemogwa sentle ka ditiro tsa ona gore ba se nne le seipato; |
|
BAFILIPI 4:19 |
Mme Modimo wa me o tla lo abela tsotlhe tse lo di tlhokang ka fa khumong ya ona mo kgalalelong e e mo go Keresete Jesu. |
|
DIPESALEMA 55:22 |
Mafoko a molomo wa gagwe a borethe jaaka sereledi, pelo ya gagwe ke ntwa; dipolelo tsa gagwe di boleta go gaisa lookwane; etswe e le ditšhaka tse di somotsweng. |
|
2 TIMOTHEO 3:16 |
Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo lo molemo go ruta le go kgalemela le go sokolola le go godisa mo tshiamong, |
|
LUKA 23:34 |
Jesu a bua a re: “Rara, ba itshwarele; gonne ga ba itse se ba se dirang.” Mme ba kgaogana diaparo tsa gagwe ka go tlhama tengwa. |
|
GENESI 1:31 |
Jaanong Modimo wa leba dilo tsotlhe tse o di dirileng, wa fitlhela di le molemo thata. Mme ga nna mantsiboa ga ba ga nna moso, e le letsatsi la borataro. |
|
DIPESALEMA 104:9 |
O beile molelwane o a sa ka keng a o tlola gore a se boe a khurumetsa lefatshe gape. |
|
GENESI 6:12 |
Ke fa Modimo o leba lefatshe, o fitlhela le senyegile; gonne batho botlhe ba ne ba sentse setho sa bone mo lefatsheng. |
|
GENESI 7:20 |
Metsi a nna magolo, a khurumetsa dithaba, a di feta ka mabogo a le some tlhano. |
|
GENESI 8:5-9 |
[5] Metsi a nna a ngotlegela pele go ya kgweding ya some; ka la ntlha la kgwedi ya some ga bonala ditlhoa tsa dithaba.[6] Ya re malatsi a le 40 a sena go feta gape, Noa a bula fenstere ya mokoro e a e dirileng,[7] a ntsha legakabe; lone la tswa, la boaboa go ya metsi a ba a tšhe mo lefatsheng.[8] A ba a ntsha leeba, la tloga mo go ene, e le gore a bone, fa metsi a ngotlegile mo lefatsheng.[9] Ya re ka leeba le sa bone le fa e le bogato jwa lonao, la boela kwa go ene mo mokorong; gonne metsi a ne a sa ntse a le mo lefatsheng lotlhe. Ke fa a ntsha letsogo, a le tsaya, a le busetsa kwa go ene mo mokorong. |
|
GENESI 9:11 |
Ke tlhomamisa kgolagano ya me le lona ka re: Ga go kitla go tlhola go nyelediwa nama epe ka metsi a morwalela; morwalela wa metsi ga o kitla o tlhola o nna teng gape go senya lefatshe.” |
|
DOITERONOMIO 11:11 |
Mme lefatshe le lo tshelelang kwa go lone go le rua ke lefatshe la dithaba le melapo, le nwa metsi a pula ya legodimo. |
|
LUKA 11:11 |
Mme rra-bana ke ofe mo go lona, yo e a reng morwawe a mo kopa senkgwe, a mo nee lentswe, gongwe a mo kopa tlhapi, a mo nee noga mo boemong jwa tlhapi, |
|
NUMERI 1:11 |
le Abitane morwa Giteoni, oora Benyamene; |
|
JOŠUA 1:11 |
“Ralalang bothibelelo, lo laele morafe lo re: ‘Ipaakanyetseng mefago, gonne lo tla tshela Joretane yo morago ga malatsi a le mararo gore lo tsene lo thope lefatshe le Morena, Modimo wa lona, o le lo nayang gore e nne la lona.’ ” |
|
1 BAKORINTHE 6:9 |
A kampo ga lo itse gore basiamolodi ga ba kitla ba rua puso ya Modimo? Se tsietsegeng; le fa e le diaka gongwe badiredi-medimo gongwe batlhadi gongwe banna ba ba akafalang le banna |
|
JOHANE 1:8 |
E ne e se ene lesedi, mme a tla go supa ka ga lesedi. |
|
NUMERI 10:29 |
Mme Moše a bua le Hobabe morwa Rehuele wa Momidiane, mogwagwadiagwe, a re: “Jaanong re hudugela kwa felong fa go boletsweng ke Morena a re: ‘Ke tla go lo naya.’ Tlaya le rona, mme re tla go direla tse di molemo; gonne Morena o solofeditse Baiseraele tse di molemo.” |
|
Tswana Bible 1970 |
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. All rights reserved |