A A A A A

God: [Financial Blessing]


1 SAMUELE 2:7
Morena o a humanegisa, e bile o a humisa; o a kokobetsa, le gona o a godisa.

2 BAKORINTHE 8:9
gonne lo itse bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu gore le fa a ne a humile, o ne a humanega ka ntlha ya lona gore lo hume ka khumanego ya gagwe.

3 JOHANE 1:2
Moratwa, ke eletsa gore o tshele sentle mo dilong tsotlhe, o nne yo o itekanetseng mo mmeleng jaaka mowa wa gago o phela pila.

MORERI 9:10
Tsotlhe tse seatla sa gago se di fitlhelang go ka di dira di dire ka thata ya gago. Gonne tiro le kakanyo le kitso le botlhale ga di yo kwa felong ga baswi kwa o yang teng.

BAGALATIA 6:9
A re se lapeng go dira tse di molemo; gonne re tla roba ka sebaka sa teng, fa re sa itsemeletse.

GENESI 13:2
Aborame a bo a humile thata, a na le diruiwa le selefera le gouta.

HOSEA 4:6
Morafe wa me o a nyelediwa, ka o tlhoka kitso. E re ka wena o latlhile kitso, le nna ke tla go latlha gore o se ntirele ka boperesiti, e re ka o lebetse molao wa Modimo wa gago, le nna ke tla lebala bana ba gago.

JAKOBO 5:12
Ba ga etsho, se segolo bogolo ke go re, lo se ikane ka gope, e seng ka legodimo le e seng ka lefatshe le e seng ka ikano e sele. Mme a “ee” ya lona e nne “ee,” le “nnyaya” a e nne “nnyaya,” gore lo se ka lwa wela mo molatong.

JOHANE 6:12
Ya re ba sena go kgora, a raya barutwa ba gagwe a re: “Selang masadisa gore go se latlhege sepe.”

LUKA 6:38
Nayang, mme lo tla newa. Selekanyo se se molemo, se se katetsweng, se se kgotlhokgoditsweng, se se tshologang, ba tla se lo naya mo dihubeng tsa lona; gonne selekanyo se lo lekanyang ka sona, lo tla be lo lekanyediwa ka sona.”

LUKA 12:34
gonne kwa lohumo lwa lona lo leng teng, dipelo tsa lona le tsona di tla nna teng.

DIANE 10:22
Tshegofatso ya Morena ke yona e e humisang; matsapa a motho ga a e okeletse sepe.

DIANE 11:14
Mo go se nang bogogi jo bo siameng morafe o a latlhega, mme o thusega, fa go le bagakolodi ba bantsi.

DIANE 19:17
Yo o tlhomogelang yo mmotlana pelo o adima Morena; ene o tla mo duelela thuso ya gagwe.

DIANE 21:17
Yo o ratang botlhapelwa o tla tlhoka; yo o ratang weine le setlolo ga a nke a huma.

DIANE 22:9
Yo o matlho-a-lorato o tla tshegofadiwa; gonne o nathetse ba ba tlhokang bogobe jwa gagwe.

DIANE 28:22-27
[22] Monna wa leitlho la lefufa o potlakela go huma, mme ga a itse gore lehuma le tla mo wela.[23] Yo o kgalemelelang motho boleo o tla ratwa morago bogolo go motho wa loleme lo lo borethe.[24] Yo o thukhuthang rraagwe gongwe mmaagwe, mme a re: “Ga se boleo!” ke ene molekane wa mosenyi.[25] Yo o pelotshetlha o tsosa dintwa, mme yo o ikanyang Morena o tla lapolosiwa.[26] Yo o ikanyang tlhaloganyo ya gagwe ke seeleele, mme yo o sepelang ka botlhale o tla phologa.[27] Yo o abelang mohumanegi ga a kitla a tlhoka sepe, mme yo o ipipang matlho o tla rogakwa gantsi.

DIPESALEMA 24:1
Pesalome ya ga Dafita. Lefatshe ke la Morena le tsotlhe tse di mo go lone; lefatshe le ba ba agileng mo go lone.

MATHEO 6:33
Jalo he, batlang pele puso ya Modimo le tshiamo ya ona, mme tsotlhe tseo lo tla di okelediwa.

MATHEO 23:23
“Ijoo lonaa, lona Baitsedikwalo le Bafarisai, baitimokanyi ke lona! Gonne lo kgetha karolo ya bosome ya minte le anise le kumina, mme lo tlogetse tse di boima tsa molao, e bong tshiamo le kutlwelo-botlhoko le tumelo. Dilo tseo di tshwanetse go dirwa, le tsele di se ka tsa tlogelwa.

MATHEO 25:21
Morena wa gagwe a mo raya a re: ‘Ahee, ò motlhanka yo o siameng yo o ikanyegang; ò ne wa ikanyega mo go tse dipotlana, ke tla go laodisa tse dintsi; tsena mo boitumelong jwa morena wa gago.’

BAROMA 13:8
Lo fetse tsotlhe tse di tshwanetseng go lešwa, go sale go ratana fela; gonne yo o ratang yo mongwe o dirafaditse molao.

DIANE 3:9-10
[9] Tlotla Morena ka dineo tsa khumo ya gago le tsa letlhafula la kotulo yotlhe ya gago.[10] Foo difala tsa gago di tla tlala letlotlo; digatelo tsa gago di tla tshologa matute a moweine.

DIPESALEMA 121:1-2
[1] Sefela sa go ya Tempeleng. Ke tsholeletsa matlho a me kwa dithabeng; thuso ya me e tla tswa kae?[2] Thuso ya me e tswa Moreneng yo o dirileng legodimo le lefatshe.

MAREKO 11:22-23
[22] Jesu a ba araba a re: “Nnang le tumelo mo Modimong.[23] Ammaaruri ke lo raya ke re: Le fa e le mang yo o rayang thaba e a re: ‘Manologa o itatlhele mo lewatleng!’ a sa belaele mo pelong ya gagwe, a dumela gore se a se buang se tla dirafala, o tla direlwa jalo.

GENESI 1:26-27
[26] Modimo wa fela o re: “A re direng batho ka fa setshwanong sa rona ba ba tshwanang le rona gore ba laole ditlhapi tsa lewatle le dinonyane tsa legodimo le diruiwa le lefatshe lotlhe le dilo tsotlhe tse di gagabang fa fatshe.”[27] Jaanong Modimo wa tlhola batho ka fa setshwanong sa ona, wa ba tlhola ka fa setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola e le monna le mosadi.

2 BAKORINTHE 9:6-8
[6] Mme akanyang tse: Yo o jwalang go le gonnye le gona o tla roba go le gonnye; mme yo o jwalang go le gontsi le gona o tla kotula go le gontsi.[7] A mongwe le mongwe a abe ka fa a ikaeletseng ka teng mo pelong, e seng ka bohutsana gongwe ka go patelediwa; gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.[8] Mme Modimo o nonofile go lo atisetsa neo nngwe le nngwe ya bopelotlhomogi, gore lo nne le tsotlhe tse di lekanyeng ntlheng tsotlhe ka gale, le letlotlo la go ka dira tiro nngwe le nngwe e e molemo;

LUKA 14:28-30
[28] “Ke ofe wa lona yo e ka reng a rata go aga turio, a se ka a nna pele, a bala ditshenyegelo tsa teng gore a o na le go e wetsa?[29] E se re gongwe a sena go baya motheo, mme a palelwa ke go e wetsa, botlhe ba ba bonang ba simolola go mo tshega[30] ba re: ‘Motho yo, o simolotse go aga, mme o paletswe ke go wetsa.’

LUKA 6:34-36
[34] Fa lo adima bone fela ba lo solofetseng go amogela mo go bone, lo na le tebogo efe? Baleofi le bone ba adima baleofi gore ba amogele mo go kalo gape.[35] Mme ratang baba ba lona, dirang molemo, ba adimeng fela, lo sa solofele sepe, mme tuelo ya lona e tla nna kgolo, lo tla nna bomorwa Mogodimodimo. Gonne ene o pelontle mo go ba ba sa lebogeng le mo go ba ba bosula.[36] Nnang kutlwelo-botlhoko, fela jaaka Rraeno a le kutlwelo-botlhoko.

JAKOBO 5:1-3
[1] Jaanong he, lona bahumi, lelang lo bokolelele ditatlhego tse di tlang go lo wela.[2] Khumo ya lona e bodile, diaparo tsa lona di jelwe ke motoutwana.[3] Gouta ya lona le selefera di jelwe ke morodu, mme morodu wa tsona o tla supa ka ga lona, o ja nama ya lona jaaka molelo. Lo kgobokantse mahumo mo malatsing a bofelo!

GENESI 12:1-20
[1] Jaanong Morena a raya Aborame a re: “Tloga o tswe mo lefatsheng la ga eno, o tlogele ba ga eno le lelapa la ga rraago, o ye kwa lefatsheng le ke tla le go bontshang.[2] Ke tla go dira setšhaba se segolo, ke go tshegofatsa, ke tumisa leina la gago gore o nne tshegofatso.[3] “Ke tla tshegofatsa ba ba go tshegofatsang, ke hutsa ba ba go hutsang; ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tla tshegofadiwa ka wena.”[4] Ke fa Aborame a tloga jaaka Morena a mo laetse. Lote a ya nae. Ya re Aborame a huduga kwa Harane, a bo a le dinyaga di le 75.[5] Aborame a tsaya Sarai, mosadi wa gagwe, le Lote, morwa monnawe, le dithuo tsa bone tse ba di bonyeng le makgoba a ba a rekileng kwa Harane. Ba huduga go ya kwa lefatsheng la Kanana, ba be ba fitlha kwa lefatsheng la Kanana.[6] Aborame a ralala lefatshe leo go fitlha kwa felong ga Šegeme le kwa setlhareng sa motherebinthe sa boitseanape. Mo metlheng eo ga bo go le Bakanana mo lefatsheng leo.[7] Ke fa Morena a iponatsa mo go Aborame a re: “Lefatshe le ke tla le naya ba losika lwa gago.” Jaanong Aborame a agela Morena yo o iponaditseng mo go ene aletare gona.[8] A ba a tloga teng, a ya kwa dithabeng tse di mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Bethele, a tlhoma tente ya gagwe teng, Bethele a le kwa bophirimatsatsi, mme Ai a le kwa botlhabatsatsi. Le gona moo a agela Morena aletare, a bitsa leina la Morena.[9] Morago ga moo Aborame a fetela pele, a ntse a tsamaela kwa borwa.[10] Go kile ga nna leuba mo lefatsheng leo, ke fa Aborame a ya kwa Egepeto go jaka gona; gonne leuba le ne le le legolo mo lefatsheng leo.[11] Jaanong ya re a le gaufi le go tsena mo Egepeto, a raya Sarai, mosadi wa gagwe, a re: “Kana o mosadi yo montle.[12] Jaanong e tla re Baegepeto ba go bona, ba re: ‘Ke ene mosadi wa gagwe,’ mme ba tla mpolaya, wena ba go lesa o phela.[13] O tle o ba ree o re, o kgaitsadiake gore ke tle ke tsholege ka ntlha ya gago, ke phele ka lebaka la gago.”[14] Jaanong ya re Aborame a tsena kwa Egepeto, Baegepeto ba bona mosadi ba re, o montle thata.[15] Le dikgosana tsa ga Farao tsa mmona, tsa mmoka fa pele ga Farao; ke fa mosadi yoo a isiwa kwa ntlong ya ga Farao.[16] Ene a direla Aborame tse di molemo ka ntlha ya gagwe, a bona dinku le dikgomo le diesele le makgoba a banna le a basadi, le diesele tse dinamagadi le dikammele.[17] Mme Morena a otla Farao le ba lapa la gagwe ka dikotlo tse dikgolo ka ntlha ya ga Sarai, mosadi wa ga Aborame.[18] Ke fa Farao a bitsa Aborame a re: “Ke eng se o se ntiretseng? Ke ka ntlha ya eng fa o sa mpolelela gore ke mosadi wa gago?[19] Ke ka ntlha ya eng fa o ne wa re: ‘Ke kgaitsadio’? Ka ba ka mo tsaya gore e nne mosadi wa me. Mme jaanong, bona, mosadi wa gago ke yo, mo tsee, o tsamae.”[20] Ke fa Farao a roma banna gore ba mo felegetse le mosadi wa gagwe le tsotlhe tse a nang natso.

MATHEO 6:1-34
[1] “Itiseng gore lo se dire tshiamo ya lona fa pele ga batho gore lo bonwe ke bone; go seng jalo ga lo na tuelo mo go Rraeno yo o kwa magodimong.[2] “Ka moo he, e re fa o dira tsa bopelotlhomogi, o se ka wa letsa lonaka fa pele ga gago, jaaka baitimokanyi ba tle ba dire mo disenagogeng le mo mebileng gore ba tlotlwe ke batho. Ammaaruri ke lo raya ke re: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse.[3] Mme wena, e re fa ò ntsha dikatso, a letsogo la gago la molema le se ka la itse se se dirwang ke le le jang,[4] gore dikatso tsa gago di nne mo bosaitsiweng; mme Rraago yo o bonang mo go fitlhegileng o tla go duela.[5] “Gape fa lo rapela, lo se ka lwa nna jaaka baitimokanyi; gonne ba rata go rapela ba eme mo disenagogeng le fa makopanelong a mebila gore ba ipontshe batho. Ammaaruri ke lo raya ke re: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse.[6] Mme wena, e re fa o rapela, o tsene mo ntlwaneng ya gago e e kwa teng; mme e re ò sena go tswala mojako, ò rapele Rraago yo o mo sephiring; mme Rraago yo o bonang mo go fitlhegileng o tla go duela.[7] “Fa lo rapela, lo se ka lwa boaboela jaaka baheitane; gonne ba gopola gore ba tla utlwiwa ka ntlha ya bontsi jwa mafoko a bone.[8] Ka moo he, se tshwaneng le bone; gonne Rraalona o itse tse lo di tlhokang, lo ise lo di mo kope.[9] Mme lona lo rapele jaana lo re: “ ‘Rraetsho yo o kwa magodimong; leina la gago a le itshepisiwe;[10] puso ya gago a e tle; thato ya gago a e dirafale mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.[11] Re fe gompieno sejo sa rona sa letsatsi.[12] O re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba melato le rona.[13] O se re gogele mo thaelong, mme ò re golole mo bosuleng. Gonne bogosi ke jwa gago, le thata, le kgalalelo, ka bosenabokhutlo! Amen.’[14] “Gonne fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, le lona Rraeno wa legodimo o tla lo itshwarela.[15] Mme fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, Rraeno le ene ga a kitla a lo itshwarela ditlolo tsa lona.[16] “Gape fa lo itima dijo, lo se ka lwa tlhonya jaaka baitimokanyi; gonne ba itshenya difatlhego gore ba ipontshe batho, fa ba itima dijo. Ammaaruri ke lo raya ke re: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse.[17] Mme wena, e re fa ò itima dijo, ò iphotle tlhogo, o tlhape sefatlhego[18] gore batho ba tle ba se ka ba bona gore ò itima dijo; mme ò bonwe fela ke Rraago yo o mo sephiring; mme Rraago yo o bonang mo go fitlhegileng o tla go duela.[19] “Se iphutheleng mahumo mo lefatsheng, kwa go senyang motoutwana le marale teng, le kwa magodu a phunyang, a utswa teng.[20] Iphutheleng mahumo kwa legodimong, kwa motoutwana o sa senyeng teng, le fa e le marale, le kwa magodu a sa phunyeng go utswa teng.[21] Gonne kwa letlotlo la gago le leng teng, pelo ya gago le yona e tla nna teng.[22] “Leitlho ke lobone lwa mmele; ka moo, fa leitlho la gago le siame, mmele otlhe wa gago o tla sedifala.[23] Mme fa leitlho la gago le le bosula, mmele otlhe wa gago o tla fifala. Fa jaanong lesedi le le mo go wena e le lefifi, kana lefifi le tla bo le le legolo jang![24] “Ga go ope yo o ka direlang barena ba le babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe o tla ngaparela yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Mamone.[25] “Ke ka ntlha ya moo ke lo rayang ke re: Se tshwenyegeleng bophelo jwa lona gore lo tla ja eng, lo tla nwa eng, le fa e le mmele gore lo tla apara eng? Bophelo a ga bo gaise dijo, le mmele a ga o gaise diaparo?[26] Lebang dinonyane tsa leapi; ga di jwale, e bile ga di robe, le fa e le go phuthela mo difaleng; mme Rraalona wa legodimo o a di otla. Lona a ga lo di gaise segolo?[27] Ke ofe wa lona yo o ka ikoketsang boleele jwa letsogo le le lengwe fela ka go itlhofaelela?[28] “Lo tlhofaelelelang diaparo? Elang dithunya tsa naga tlhoko ka fa di golang ka teng; ga di dire, ga di otlhe;[29] mme ke lo raya ke re: Le fa e le Salomo mo kgalalelong yotlhe ya gagwe o ne a sa kgaba jaaka sengwe sa tseo.[30] Fa Modimo o apesa jalo bojang jwa naga, jo bo leng teng kajeno, mme ka moso bo latlhelwa mo leisong, a ga o kitla o lo apesa bogolo lona ba tumelo e potlana?[31] “Ka moo, se tshwenyegeng lwa re: ‘Re tla ja eng, gongwe, re tla nwa eng, gongwe, re tla apara eng?’[32] Gonne tsotlhe tseo di batlwa ke baheitane; kana Rraeno wa legodimo o itse gore tsotlhe tseo lo tshela ka tsona.[33] Jalo he, batlang pele puso ya Modimo le tshiamo ya ona, mme tsotlhe tseo lo tla di okelediwa.[34] Ka moo he, se tshwenyegeleng letsatsi la ka moso; gonne letsatsi la ka moso le tla itshwenyegela ka losi. Letsatsi le lekanywe ke tshwenyego ya lone.

DOITERONOMIO 28:1-68
[1] “E tla re fa o reetsa lentswe la Morena, Modimo wa gago, sentle o tlhokomela go dira ka fa ditaolong tsotlhe tsa gagwe tse ke di go laelang kajeno, gona Morena, Modimo wa gago, o tla go dira morafe o mogolo o o gaisang ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe.[2] Mme ditshegofatso tsotlhe tse, di tla go dirafalela, di go fitlhela, fa o utlwa lentswe la Morena, Modimo wa gago.[3] “O tla bo o tshegofaditswe mo motseng, o bile o tshegofaditswe kwa masimo.[4] “Go tla bo go tshegofaditswe leungo la mmele wa gago le leungo la masimo a gago le leungo la diruiwa tsa gago, e bong dinamane tsa dikgomo tsa gago le letsalo la difutshane tsa gago.[5] “Go tla bo go tshegofaditswe seroto sa gago le mogopo wa gago wa bodubelo.[6] “O tla bo o tshegofaditswe, fa o goroga, o bile o tshegofaditswe, fa o bolola.[7] “Morena o tla dira gore baba ba gago ba ba go tsogelang ba fenngwe ke wena. Ba tla go bololela ka tsela e le nngwe, mme ba tla tshaba fa pele ga gago ka ditsela di supa.[8] “Morena o tla laela lesego gore le nne nao mo difaleng tsa gago le mo go tsotlhe tse seatla sa gago se di simololang; o tla go tshegofatsa mo lefatsheng le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang.[9] “Morena o tla go itlhomamisetsa go nna morafe o o boitshepo wa gagwe jaaka a go ikanetse, fa o tlhokomela ditaolo tsa Morena, Modimo wa gago, o sepela mo ditseleng tsa gagwe.[10] Mme merafe yotlhe ya lefatshe e tla bona, fa leina la Morena le kuilwe godimo ga gago, e go boifa.[11] Morena o tla go naya letlotlo la tse di molemo ka leungo la mmele wa gago le ka leungo la diruiwa tsa gago le ka leungo la masimo a gago mo lefatsheng le Morena a ikanetseng borraeno go le go naya.[12] Morena o tla go bulela ntlo ya khumo ya gagwe e e molemo, e bong legodimo, a nesetsa lefatshe la gago pula ka sebaka sa yona gore a tshegofatse tiro yotlhe ya seatla sa gago. O tla adima ditšhaba tse dintsi, mme wena ga o kitla o adima mo go ope.[13] Morena o tla go dira tlhogo, e seng mogatla; o tla nna kwa godimo fela, ga o kitla o nna kwa tlase fa o utlwa ditaolo tsa Morena, Modimo wa gago, tse ke di go laelang kajeno gore o di tlhokomele le go dira ka tsona;[14] fa o sa fapoge mo mafokong otlhe a ke a go laelang kajeno, o sa fapogele ntlheng ya le le jang gongwe mo go ya la molema go ya go latela medimo e sele go e direla.[15] “Mme e tla re fa o sa utlwe lentswe la Morena, Modimo wa gago, o sa tlhokomele go dira ka fa ditaolong tsotlhe tsa gagwe le ka fa melaong ya gagwe tse ke di go laelang kajeno, gona dikhutso tsotlhe tse, di tla go dirafalela, di go fitlhela.[16] “O tla bo o hutsitswe mo motseng, e bile o hutsitswe kwa masimo.[17] “Go tla bo go hutsitswe seroto sa gago le mogopo wa gago wa bodubelo.[18] “Go tla bo go hutsitswe leungo la mmele wa gago le leungo la masimo a gago le dinamane tsa dikgomo tsa gago le letsalo la difutshane tsa gago.[19] “O tla bo o hutsitswe, fa o goroga, o bile o hutsitswe, fa o bolola.[20] “Morena o tla go romela khutso le tseano le madimabe mo go tsotlhe tse seatla sa gago se di simololang, tse o di dirang, go ya o be o nyelediwe, go ya o latlhege ka pele ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa gago, ka o ntlogetse.[21] Morena o tla go kgomaretsa leroborobo go tsamaya a ba a go fedise mo lefatsheng le o tla tsenang mo go lone gore e nne la gago.[22] Morena o tla go betsa ka bolwetse jwa mafatlha le jwa mogote le ka go tuka bolelo thata le ka diso le ka komelelo le ka phori le ka mongadule; di tla go latelela go ya o be o latlhege.[23] Magodimo a gago a a go okameng a tla tshwana le kgotlho; lefatshe le le fa tlase ga gago le nna jaaka tshipi.[24] Morena o tla fetola pula ya lefatshe la gago lerole le motlhaba; di tla fologela mo go wena di tswa kwa legodimong go ya o be o nyelediwe.[25] “Morena o tla dira gore o fenngwe ke baba ba gago. O tla ba bololela ka tsela e le nngwe, mme o tla ba tshaba ka ditsela di supa. Magosi otlhe a lefatshe a tla go sisimoga.[26] Ditoto tsa gago e tla nna dijo tsa dinonyane tsotlhe tsa loapi le tsa dibata tsa naga, go se na ope yo o di tshosang.[27] Morena o tla go betsa ka diso tsa Egepeto le ka ditlhagala le ka motshweetshwee le ka motshwa, mo o bileng o palelwa ke go alafiwa.[28] Morena o tla go ôtla ka botsenwa le ka bofofu le ka therego ya pelo.[29] O tla nna o fophola motshegare jaaka sefofu se tle se fophole mo lefifing; ga o kitla o tlhogonolofala mo ditseleng tsa gago; o tla nna o gatelelwa fela, o thukhuthwa dilo ka metlha yotlhe, go se na mothusi.[30] “O tla beelela mosadi, mme monna yo mongwe o tla robala nae; o tla aga ntlo, mme ga o kitla o nna mo go yona; o tla tlhoma tshimo ya moweine, mme ga o kitla o ja maungo a yona.[31] Kgomo ya gago e tla tlhajwa o ntse o lebile, mme ga o ne o ja sepe sa yona; esele ya gago e tla amogiwa fa pele ga gago, mme ga e ne e boela kwa go wena; difutshane tsa gago di tla newa baba ba gago, o se na mothusi.[32] Bomorwao le bomorwadio ba tla neelwa morafe o sele go nna makgoba, matlho a gago a ntse a bona, a hubile a ba tlhologeletswe letsatsi lotlhe, o se na thata epe.[33] Maungo a masimo a gago le a matsapa otlhe a gago a tla jewa ke morafe o ò sa o itseng. O tla nna o gatelelwa fela, o patikwa ka metlha yotlhe.[34] O tla tlhakanngwa tlhogo ke tse matlho a gago a tla di bonang.[35] Morena o tla go betsa ka diso tse di bosula mo mangoleng le mo diropeng le go tloga patong ya lonao lwa gago go fitlha phogong ya gago, mo o sa ka keng wa alafiwa.[36] “Wena le kgosi ya gago e o tla e ipeelang Morena o tla lo isa kwa setšhabeng se wena le borraeno lo neng lo sa se itse; teng o tla direla medimo e sele ya dikota le ya majwe.[37] O tla fetoga theregiso le seane le sefela sa tshotlo mo merafeng yotlhe kwa Morena a tla go isang teng.[38] “O tla jwala peo e ntsi kwa tshimong, mme o roba dijo di se kae fela; gonne di tla jewa ke tsie.[39] O tla tlhoma masimo a moweine, o o tlhagolela, mme ga o ne o nwa weine le e seng go e boloka. Gonne maungo a tla jewa ke diboko.[40] O tla nna le ditlhare tsa olefa mo nageng yotlhe ya gago, mme ga o ne o tlola lookwane; gonne diolefa tsa gago di tla tlhotlhorega.[41] O tla tsala bomorwa le bomorwadi, mme e tla bo e se ba gago; gonne ba tla ya mo botshwarong.[42] Ditlhare tsotlhe tsa gago le maungo a masimo a gago e tla nna tsa tsie.[43] “Moeng yo o nang nao o tla nna a gola, a go feta ka bogolo, mme wena o tla nna o fologela kwa tlase.[44] Ene o tla go adima, mme wena ga o kitla o mo adima; ene o tla nna tlhogo, mme wena o nne mogatla.[45] “Dikhutso tsotlhe tseo di tla go dirafalela, di go latelela, di go fitlhela go tsamaya o be o nyelediwe, ka o se ka wa utlwa lentswe la Morena, Modimo wa gago, le e seng go tlhokomela ditaolo tsa gagwe le melao ya gagwe tse a di go laetseng.[46] Dikhutso di tla nna mo go wena le mo losikeng lwa gago go nna sesupo le kgakgamatso ka bosakhutleng.[47] E re ka o se ka wa direla Morena, Modimo wa gago, ka boitumelo le ka monate wa pelo ka ntlha ya letlotlo la dilo tsotlhe,[48] o tla direla baba ba gago ba Morena o tla ba romelang kwa go wena, o le mo tlaleng le mo lenyoreng, o sa ikatega, o tlhoka tsotlhe. Mmaba o tla go rwesa joko ya tshipi molaleng go ya a be a go nyeletse.[49] Morena o tla go tlisetsa setšhaba sa kwa kgakala sa kwa bokhutlong jwa lefatshe, se se tlang jaaka ntswi e tle e kale, setšhaba se o sa itseng puo ya sona;[50] setšhaba sa difatlhego tse di kwatlaletseng, se se sa tlhokomeleng monna mogolo le e seng go tlhomogela mosimane pelo.[51] Se tla ja letsalo la diruiwa tsa gago le maungo a masimo a gago go ya o be o nyelediwe. Ga se kitla se go sadisetsa mabele le matute a moweine le lookwane le dinamane tsa dikgomo tsa gago le letsalo la difutshane tsa gago go ya se be se go fedise.[52] Se tla go pitlaganya mo metseng yotlhe ya gago go ya go fitlhelela dipota tsa gago tse di godimo tse di tiileng tse o di ikanyang di be di we mo lefatsheng lotlhe la gago. Mme e tla re se go dikanyetsa ka ntwa mo metseng yotlhe ya gago mo lefatsheng lotlhe la gago le Morena, Modimo wa gago, o tla le go nayang,[53] o je leungo la mmele wa gago, e bong nama ya bomorwao le ya bomorwadio ba Morena, Modimo wa gago, o ba go neileng, o le mo pitlaganyong le mo tlalelong tse mmaba wa gago a tla go tlaletsang ka tsona.[54] Monna yo o lemetseng kwa ga eno yo o tlekeetso thata o tla tima morwa-rraagwe le mosadi yo a mo ratang le bana ba bangwe ba gagwe ba ba setseng;[55] ga a ne a naya ope wa bone sengwe sa nama ya bana ba gagwe e a e jang, ka a sa salelwa ke sepe mo pitlaganyong le mo tlalelong tse mmaba wa gago a tla go tsenyang mo go tsona mo metseng yotlhe ya gago.[56] Mosadi yo o lemetseng kwa ga eno yo a iseng a ke a leke go baya pato ya lonao lwa gagwe fa fatshe ka ntlha ya temalo le tlekeetso o tla tima yo a mo ratang le morwawe le morwadie,[57] a ba tima kobo ya ngwana ya gagwe e e duleng fa gare ga maoto a gagwe le bana ba gagwe ba a ba tsholang; gonne o tla ba ja mo sephiring ka ntlha ya go tlhoka tsotlhe mo pitlaganyong le mo tlalelong tse mmaba wa gago o tla go tlaletsang ka tsona mo metseng ya gago.[58] “E tla re fa o sa tlhokomele go dira ka fa mafokong otlhe a molao o a a kwadilweng mo lokwalong lo, le go boifa leina le le tlotlegang, le le boitshegang le, e bong la Morena, Modimo wa gago,[59] gona Morena o tla go tlholela dipetso tse di gakgamatsang, wena le ba losika lwa gago, dipetso tse dikgolo tse di sa feleng le malwetse a a botlhoko a a sa foleng.[60] O tla go bolaisa malwetse otlhe a a tshelwang a Egepeto a o neng o a boifa mme a tla go kgomarela.[61] Le gona Morena o tla go dirafaletsa malwetse a mefutafuta le dipetso tsa mefutafuta tse di sa kwalwang mo lokwalong lo lwa molao go ya o be o nyelediwe.[62] Lo tla sadisiwa lo le ba se kae fela, etswe lo kile lwa bo lo le kana ka dinaledi ka bontsi, ka lo se ka lwa utlwa lentswe la Morena, Modimo wa lona.[63] Morena o tla itumelela go lo isa tatlhegong le go lo nyeletsa fela jaaka a ne a lo itumelela, a lo direla molemo le go lo atisa, mme lo tla gogolwa mo lefatsheng le lo tla tsenang mo go lone go le rua.[64] “Morena o tla go phatlalaletsa kwa merafeng yotlhe go tswa mafelelong a lefatshe go ya mafelelong a lefatshe; teng o tla direla medimo e sele ya dikota le ya majwe, e o neng o sa e itse le e seng borraeno.[65] Le gona ga o kitla o iketla kwa ditšhabeng tseo, go se na boikhutso jwa pato ya lonao lwa gago; teng Morena o tla go naya pelo e e roromang le matlho a a tlhontseng le mowa o o itlhobogang.[66] Botshelo jwa gago e tla bo e le jo bo lepeletseng mo tlhaleng fa pele ga gago, o boifa bosigo le motshegare, o sa itse go tshela ka namatshego.[67] Mo mosong o tla re: ‘E kete go ka bo go le maitsiboa.’ Maitsiboa o re: ‘E kete go ka bo go le moso,’ ka ntlha ya poifo ya pelo ya gago e o tla boifang ka yona le ka ntlha ya tsona tse o tla di bonang ka matlho.[68] Morena o tla go busetsa gape kwa Egepeto ka dikepe ka tsela e ke buileng nao ka ga yona ka re: ‘Ga o kitla o tlhola o e bona gape.’ Teng lo tla bapadiwa mo babeng ba lona go nna makgoba a banna le a basadi mme moreki a se yo.”

Tswana Bible 1970
© Bible Society of South Africa 1970, 1987, 2007. All rights reserved