MORERI 6:10 |
Sengwe le sengwe se se kileng sa nna, leina la sone le se reilwe bogologolo, go a itsiwe fa e le motho; le gone ga a kake a ganela le ene yo o thata bogolo go ene. |
|
HABAKUKE 2:3 |
Gonne ponatshegelo e sa ntse e na le lobaka lo lo laotsweng, mme e be e itlhaganelela bokhutlo, ga e ketla e aka; le fa e ko e diega, lo e lete; gonne ruri e tlaa tla, ga e ketla e diega. |
|
JESAYA 46:10 |
Yo ke bolelang bokhutlo e sa ntse e le tshimologo, ke bolele e sa le bogologolo dilo tse di iseng di dirwe; ka re: ‘Kgakololo ya me e tlaa ema, ke tlaa dira go kgatlhega ga me gotlhe fela.’ |
|
JESAYA 55:11 |
lefoko la me le tlaa nna jalo, le le tswang mo molomong wa me; ga le ketla le boela fela mo go nna, mme le tlaa dirafatsa se ke se ratang, le tlaa segofala mo selong se ke le isitseng kwa go sone. |
|
JEREMIA 1:5 |
“E rile ke ise ke go bopele mo sebopelong ka bo ke go itse, le o ise o tswe mo sebopelong ka bo ke go itshepisitse; ke go laoletse go nna moperofeti mo merafeng.” |
|
JEREMIA 17:10 |
“Nna Jehofa ke fukutsa pelo, ke leka diphilo, e le go naya motho mongwe le mongwe ka fa mekgweng ya gagwe, le ka fa loungong lwa ditiro tsa gagwe.” |
|
JOHANE 16:33 |
Dilo tse ke di buile le lona, gore lo nne le kagiso mo go nna. Mo lefatsheng lo na le pitlagano; mme nametsegang; ke fentse lefatshe.” |
|
NUMERI 23:19 |
Modimo ga se motho yo o ka akang, le gone ga se morwa motho yo o ka ikwatlhayang; kgotsa, a o buile, mme a ga o ketla o se dira? Kgotsa a o ntshitse lentswe, ga o ketla o le tlhomamisa? |
|
DIANE 16:3 |
Neela Jehofa ditiro tsa gago, mme maikaelelo a gago a tlaa tlhomama. |
|
DIANE 19:20-24 |
[20] Utlwa kgakololo, o tshole thuto, gore o tle o nne botlhale mo bokhutlong jwa gago.[21] Go na le ditogamaano di le dintsi mo pelong ya monna; mme kgakololo ya ga Jehofa yone e tlaa ema.[22] Keletso ya motho ke selekanyo sa bopelonomi jwa gagwe; mme mohumanegi o molemo bogolo go moaki.[23] Go boifa Jehofa go isa botshelong, mme yo o nang nago o tlaa nna fela a kgotshe; ga a ketla a lekolwa ke bosula.[24] Motho yo o bobodu o sotlhometsa letsogo la gagwe mo mogotšaneng, mme a gane le fa e le go ba a le busetsa mo ganong. |
|
DIPESALEMA 37:37 |
Lepa moitekanedi, o lebe mothokgami; gonne bokhutlo jwa motho yoo ke kagiso. |
|
DIPESALEMA 138:8 |
Jehofa o tlaa ntshweletsa se se leng ka ga me; boutlwelobotlhoko jwa gago, Jehofa, bo eme ka bosakhutleng; se tlhoboge ditiro tse e leng tsa diatla tsa gago tota. |
|
TSHENOLO 20:12 |
Ka bona baswi, bagolo le bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi; mme dikwalo dingwe tsa menololwa; lokwalo lo longwe lwa menololwa, lo e leng lokwalo lwa botshelo; mme baswi ba atlholwa ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong, ka fa ditirong tsa bone. |
|
BAROMA 12:2 |
Lo se ka lwa bopega jaaka lefatshe leno; mme lo fetolwe ke bošafatso jwa pelo tsa lona, gore lo lemoge mo e leng go rata ga Modimo, mo go molemo, le mo go lebosegang, le mo go itekanetseng. |
|
BAROMA 8:28-29 |
[28] Re a itse fa dilo tsotlhe di dirisanya mmogo, go direla ba ba ratang Modimo molemo, e bong bone ba ba biditsweng ka fa boikaelelong jwa one.[29] Gonne ba o ba itsileng gale, o bile o ba laoletse gale gore ba bopege mo tshwanong ya Morwa wa one, gore a nne motsalwapele mo baneng ba le bantsi; |
|
BAEFESO 2:8-9 |
[8] Gonne lo ntse lo bolokilwe ka tshegofatso ka tumelo; mme le gone go bile go sa tswe mo go lona; ke neo ya Modimo;[9] go sa tswe mo ditirong, gore go se nne motho ope yo o tlaa ipelafatsang. |
|
1 PETERO 2:8-9 |
[8] Gape: “Lentswe la kgokgweetso, le lefika la kgopiso,” gonne ba kgweetsega mo lefokong, ka e le ba sa utlweng; e le mo ba bileng ba go laoletswe.[9] Mme lona lo losika lo lo itshenketsweng, lo boperesiti jwa segosi, morafe o o boitshepo, lo tšhaba e e ruilweng ke Modimo ka sebele, gore lo tle lo bonatse go tlotlomala ga yo o lo biditseng, a lo bitsa lo le mo lefifing, a lo isa leseding la gagwe le le gakgamatsang; |
|
1 BAKORINTHE 2:7-9 |
[7] Mme re bua botlhale jwa Modimo ka bosaitsiweng, e bong botlhale jo bo ntseng bo fitlhilwe, jo Modimo o bo laoletseng kgalaletso ya rona gale pele ga dipopo.[8] E le jo go seng ope wa babusi ba lefatshe leno yo o bo itseng; gonne fa ba ka bo ba bo itsile, ba ka bo ba se ka ba bapola Morena wa kgalalelo.[9] Re bua fela jaaka go kwadilwe ga twe: “Ke dilo tse leitlho le se kang la di bona, le tse tsebe e se kang ya di utlwa, le tse di se kang tsa tsena mo pelong ya motho, e bong dilo tsotlhe tse Modimo o di baakanyeditseng bone ba ba o ratang.” |
|
JEREMIA 29:11-14 |
[11] gonne ke a e itse megopolo e ke e gopolang ka ga lona,” go bua Jehofa, “megopolo ya kagiso, e seng ya bosula, go lo naya tsholofelo mo motlheng wa lona wa bofelo.[12] Lo tlaa mpitsa, lo tlaa ya lo nthapela, mme ke tlaa lo reetsa.[13] Lo tlaa mpatla, mme lo tlaa mpona, mogang lo mpatlang ka pelo yotlhe ya lona.[14] Ke tlaa bonwa ke lona, go bua Jehofa, botshwaro jwa lona ke tlaa bo sokolola; ke tlaa lo phutha kwa merafeng yotlhe, le kwa mafelong otlhe kwa ke lo leleketseng teng, go bua Jehofa; ke tlaa ba ke lo lere felong fa ke laoletseng gore lo tsewe teng lo isiwe botshwarong.” |
|
Tswana Bible 1908 |
Public Domain |