A A A A A

Math Signs: [Number 8]


TSHENOLO 13:18
Botlhale ke jo. Yo o nang le tlhaloganyo, a a bale palo ya sebatana; gonne ke palo ya motho: palo ya sone ke 666.

DOITERONOMIO 6:4
“A ko o utlwe, wena Iseraele, Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa yo mongwe fela.

LEFITIKO 20:13
Fa monna a lala le monna, a mo etsa mosadi, ba dirile mo go makgapha boo babedi; a ba bolawe ruri, madi a bone a a nne mo go bone.

1 BAKORINTHE 6:9-11
[9] Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma,[10] go le magodu, go le ba ba bohula, go le matagwa, go le bakgadi, go le baikgagapeledi, ga ba ketla ba rua bogosi jwa Modimo.[11] Bangwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo; mme lwa tlhapisiwa, lwa itshepisiwa, lwa siamisiwa mo ineng la Morena Jesu Keresete, le mo Moweng wa Modimo wa rona.

TSHENOLO 11:2-3
[2] Lolwapa lo lo kwa ntle ga tempele, o lo iteele kwa ntle, o se ka wa lo lekanya; gonne lone lo neilwe merafe; mme motse o o boitshepo ba tlaa o gataka ka dinao ka dikgwedi di le 42.[3] Ke tlaa naya basupi ba me ba babedi taolo, mme ba tlaa bolela ka malatsi a le 1 260, ba apere letsela la kgetse.”

LEFITIKO 20:27
“Le monna, kgotsa mosadi yo o buang le badimo, kgotsa yo o leng moloi, ba bolawe ruri, a ba ba kgobotletse ka maje; madi a bone a a nne mo go bone.”

DOITERONOMIO 18:10-12
[10] Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope yo o ralatsang morwawe kgotsa morwadie molelo, le fa e le mongwe wa moitseanape, le fa e le mongwe yo o swabang ka eng, le eng, le fa e le morai, kgotsa yo o loang,[11] le fa e le mophekodi, kgotsa yo o buang le badimo, kgotsa ngaka ya bola, kgotsa y o botsang baswi.[12] Gonne le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o makgapha mo go Jehofa; Jehofa Modimo wa gago o e leleka fa pele ga gago ka ntlha ya tsone dilo tse di makgapha tse.

2 DIKGOSI 21:6
A ralatsa morwawe molelo, a swaba ka maru, a dira ka mereo, a dira le bone ba ba buang le badimo, le ba ba loang; a dira bosula bo le bogolo mo ponong ya ga Jehofa, go mo tlhotlheletsa mo bogaleng.

MIGA 5:12
Ke tlaa kgaola ke tlosa boloi mo seatleng sa gago; mme ga o ketla o tlhola o dira le baswabi ba ditiro.

JESAYA 47:12
Ema jaana ka mereo ya gago, le bontsi jwa ditoo tsa gago, e le dilo tse o sa leng o itapisa ka tsone le mo bokaung jwa gago; ya tla ya re gongwe wa bona thuso, e ka tla ya re gongwe wa fenya.

DITIRO 8:11-24
[11] Ba mo ela tlhoko ka gobo o sa le a ba tseanya ka ditoo tsa gagwe ka lobaka lo loleele.[12] Mme e rile ba dumela Filipo, jaaka a ba rerela Mafoko a a Molemo, ka ga bogosi jwa Modimo, le ka ga leina la ga Jesu Keresete, ba kolobediwa, banna le basadi.[13] Simone le ene a dumela, mme e rile a sena go kolobediwa, a nna kwa go Filipo. O rile ka a bona ditshupo le dikgakgamatso di dirwa, a tseana thata.[14] Jaana e rile baaposetole ba ba kwa Jerusalema ba utlwa fa ba Samaria ba amogetse lefoko la Modimo, ba roma Petere le Johane kwa go bone;[15] ba e rileng ba fitlha ba ba rapelela gore ba amogele Mowa o o Boitshepo;[16] gonne o ne o ise o wele mo go ope wa bone, ba ne ba kolobeditswe mo ineng la Morena Jesu fela.[17] Foo ba ba baya diatla, mme ba amogela Mowa o o Boitshepo.[18] Jaana ya re Simone a bona fa Mowa o o Boitshepo o newa ka peo ya diatla tsa baaposetole, a ntsha madi,[19] a re: “Le nna lo nneye nonofo e, e tle e re yo ke mmayang diatla, a amogele Mowa o o Boitshepo.”[20] Mme Petere a mo raya a re: “A selefera sa gago se nyelele nao, ka gobo o gopotse fa o tlaa bona neo ya Modimo ka madi.[21] Ga o na kabelo le fa e le boswa mo tirong e, gonne pelo ya gago ga e a siama fa pele ga Modimo.[22] Ke gone, o ikwatlhaele boikepo jo, o rapele Morena, e tle e re kgotsa kgakologelo ya pelo ya gago o e itshwarelwe.[23] Gonne ke a bona fa o sa ntse o le mo santlhokweng sa botlhoko, le mo kgoleng ya boikepo.”[24] Simone a fetola a re: “Nthapelelang Morena, gore ke se ka ka tlelwa ke sepe sa dilo tse lo di buileng.”

GENESI 1:24-31
[24] Modimo wa re: “A lefatshe le ntshe dibopiwa tse di tshedileng ka fa ditshikeng tsa tsone: diruiwa, le tse di gagabang, le diphologolo le dibatana tsa lefatshe ka fa ditshikeng tsa tsone.” Ga nna jalo.[25] Modimo wa dira diphologolo le dibatana tsa lefatshe ka fa ditshikeng tsa tsone, le diruiwa ka fa ditshikeng tsa tsone, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe, ka fa losikeng lwa sone. Modimo wa bona fa go le molemo.[26] Modimo wa re: “A re direng motho mo setshwanong sa rona, ee, ka fa setshwanong sa rona; le gone a a laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le dikgomo, le lefatshe lotlhe, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe.”[27] Modimo wa tlhola motho mo setshwanong sa one tota, wa mo tlhola mo setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola nona le tshadi.[28] Modimo wa ba segofatsa; Modimo wa ba raya wa re: “Atang, lo ntsifale lo tlale ka lefatshe, lo le fenye, lo laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le sengwe le sengwe se se tshedileng se se tsamayang mo lefatsheng.”[29] Modimo wa re: “Bonang, ke lo neile morogo mongwe le mongwe o o tsalang peo, o o mo lefatsheng lotlhe, le setlhare sengwe le sengwe se se nang le loungo lwa setlhare lo lo ntshang peo; e tlaa nna dijo tsa lona.[30] Le phologolo nngwe le nngwe le dibatana tsa lefatshe, le nonyane nngwe le nngwe ya loapi, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe se botshelo bo leng mo go sone, ke di neile morogo mongwe le mongwe o motala go nna dijo.” Ga nna jalo.[31] Modimo wa bona sengwe le sengwe se o se dirileng, mme bonang, ga bo go le molemo thata. Ga nna maitseboa, ga ba ga nna moso, letsatsi la borataro.

1 BAKORINTHE 6:9
Kgotsa a ga lo itse fa ba ba sa siamang ba se ketla ba rua bogosi jwa Modimo? Lo se ka lwa tsietsega; go le baakafadi, go le baobamedi ba medimo ya disetwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basotoma,

JOHANE 1:8
E ne e se ene lesedi, mme a tla go supa ka ga lesedi.

TSHENOLO 4:6-8
[6] mme fa pele ga setulo sa bogosi ga bo go le e kete lewatle la galase, le tshwana le legakwa le lesweu; mme mo gare ga setulo sa bogosi, le mo tikologong ya setulo sa bogosi, ga bo go le ditshedi di le nne, tse di tletseng matlho ka fa pele le ka fa morago.[7] Setshedi sa ntlha sa bo se tshwana le tau, setshedi sa bobedi se ne se tshwana le namane, mme setshedi sa boraro sa bo se na le sefatlhogo e kete sa motho, setshedi sa bone sa bo se tshwana le ntswi yo motona yo o fofang.[8] Ditshedi tse nne tse, sengwe le sengwe sa bo se le diphuka di thataro, di tletse matlho mo ntlheng tsotlhe le mo teng; mme ga di ikhutse gope motshegare le bosigo, di ntse di re: “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo, Morena Modimo, Mothatayotlhe, yo o ne a ntse a le yo, le yo o le yong, le yo o tlang.”

GENESI 3:15
Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.”

TSHENOLO 13:5
Mme sa newa molomo o o buang dilo tse dikgolo le ditlhapatso; sa newa taolo ya go tswelela pele ka dikgwedi di le 42.

EKESODU 7:11
Foo Faro le ene a bitsa matlhale le baloi; le bone ba dira fela jalo ka mereo ya bone, e le bone dingaka tsa Egepeto.

Tswana Bible 1908
Public Domain