A A A A A

Good Character: [Compassion]


BAKOLOSE 3:12
Ke gone, jaaka ba ba itshenketsweng ke Modimo, jaaka ba ba itshepileng le ba ba rategang, lo apare pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobetso, le bonolo le bopelotelele.

EKESODU 33:19
A re: “Molemo wa me otlhe ke tlaa o fetisa fa pele ga gago, ke tlaa bolela leina la ga Jehofa fa pele ga gago. Ke tlaa nna tsalano le yo ke tlaa nnang tsalano nae, ke tlaa bontsha ene boutlwelo botlhoko yo ke tlaa mmontshang boutlwelo botlhoko.”

JESAYA 30:18
Ke gone ka moo Jehofa o tlaa letang, gore a tle a lo tlhomogele pelo, ke gone ka moo o tlaa nanogang gore a tle a nne pelotshweu go lona; gonne Jehofa ke Modimo wa katlholo; go sego botlhe ba ba mo letang.

JESAYA 49:10-13
[10] Ga ba ketla ba bolawa ke tlala, le fa e le ke lenyora; le mogote ga o ketla o ba tlhapela le fa e le letsatsi; gonne ene yo o ba utlwelang botlhoko o tlaa ba goga, le ka fa go e e leng metswedi ya metsi o tlaa ba etelela pele.[11] “Dithaba tsa me tsotlhe ke tlaa di dira tsela, le ditsela tsa me tsa meheru di tlaa goletsega.[12] Bonang, ba, ba tlaa tswa kgakala; mme bonang ba, ba tlaa tswa botsheka le kwa bophirimatsatsi; le ba, ba tlaa tswa lefatsheng la Sinime.”[13] Opelang, lona magodimo; o ipele wena lefatshe; ponyegang mo kopelong, lona dithaba; gonne Jehofa o gomoditse batho ba gagwe; mme o tlaa tlhomogela babogisiwa ba gagwe pelo.

JESAYA 54:10
Gonne dithaba di ka tloga le makhubu a katosiwa; mme pelonomi ya me ga e ketla e tloga mo go wena, le fa e le kgolagano ya me ya kagiso go katoga mo go wena,” go bua Jehofa yo o go utlwelang botlhoko.

JESAYA 63:7
Ke tlaa umaka mapelonomi a lorato a ga Jehofa, le dipako tsa ga Jehofa ka fa dilong tsotlhe tse Jehofa o di re neileng; le molemo o mogolo wa gagwe ka ga ntlo ya Iseraele, o o o ba neileng ka fa mautlwelong botlhoko a gagwe, le ka fa bontsing jwa mapelonomi a gagwe a lorato.

JAKOBO 5:11
Bonang, re a tle re re, go sego ba ba kileng ba nna ba itshoka; lo utlwile ka ga bopelotelele jwa ga Jobe, mme lo bonye bofelelo jwa Morena jaaka Morena a tletse bopelotlhomogi, a le boutlwelobotlhoko.

DILELO TSA GA JEREMIA 3:32
Gonne le fa a hutsafatsa, o tlaa tlhomoga pelo ka fa bontsing jwa mautlwelobotlhoko a gagwe.

DIPESALEMA 51:1
Nkutlwela botlhoko Modimo, ka fa bopelonoming jwa gago jwa lorato, ka fa bontsing jwa mautlwelobotlhoko a gago, o phimole ditlolo tsa me.

DIPESALEMA 103:13
Jaaka rrabana a tle a utlwele bana ba gagwe botlhoko; Jehofa le ene o tlhomogela ba ba mmoifang pelo jalo.

DIPESALEMA 116:5
Jehofa o pelotshweu, o tshiamo; ee, Modimo wa rona o kutlwelobotlhoko.

DIPESALEMA 119:77
A mautlwelobotlhoko a manana a gago a tle mo go nna, gore ke tshele; gonne molao wa gago ke mo go njesang monate.

DIPESALEMA 119:156
Mautlwelobotlhoko a manana a gago a magolo, Jehofa; ntsitsibosa ka fa dikatlholong tsa gago.

DIPESALEMA 145:9
Jehofa o molemo mo go tsotlhe; mautlwelobotlhoko a manana a gagwe a okame ditiro tsotlhe tsa gagwe.

BAROMA 9:15
Gonne o reile Moše wa re: “Ke tlaa utlwela botlhoko yo ke mo utlwelang botlhoko, ke tlaa tlhomogela pelo yo ke mo tlhomogelang pelo.”

2 BAKORINTHE 1:3-4
[3] A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, Rra mautlwelobotlhoko, le Modimo wa kgomotso yotlhe;[4] o o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona, gore re tle re nonofele go gomotsa ba ba mo pitlaganong nngwe le nngwe, ka kgomotso e rona ka rosi re gomodiwang ka yone ke Modimo.

BAFILIPI 2:1-3
[1] Ke gone fa go na le kgomotso nngwe mo go Keresete, fa go na le nametso nngwe ya lorato, fa go na le bolekane bongwe le Mowa, fa go na le mautlwelobotlhoko a manana le mapelotlhomogi,[2] dirafatsang boitumelo jwa me, jwa gore lo nne kgopolo e le nngwe fela, lo tshwane mo loratong, lo le mo tumalanong e le nngwe fela, lo le pelo e le nngwe fela.[3] Lo se dire sepe ka go re lo itira lekoko, le fa e le ka go ipelafatsa fela, fa e se go re, ka boikokobetso jwa pelo, mongwe le mongwe a kaya yo mongwe fa a mo gaisa ka molemo.

MATHEO 9:35-38
[35] Mme Jesu a tlhatlologanya metse le metsana yotlhe, a eta a ruta mo matlong a bone a thuto, a rera Mafoko a a Molemo a bogosi, a fodisa dipobolo dingwe le dingwe tsotlhe, le malwetse mangwe le mangwe otlhe fela.[36] Ya re a bona matshutitshuti a batho, a ba tlhomogela pelo, ka ba patikegile ba gasagasame jaaka dinku tse di se nang modisa.[37] Foo a raya barutwa ba gagwe a re: “Thobo e kgolo ruri, mme barobi ba a tlhaela.[38] Ke gone, rapelang Morena wa thobo, gore a rome barobi mo thobong ya gagwe.”

DIPESALEMA 103:1-5
[1] Baka Jehofa, mowa wa me; le tsotlhe tse di mo teng ga me a di bake leina la gagwe le le boitshepo.[2] Baka Jehofa, mowa wa me, mme o se ka wa lebala dithuso tsa gagwe tsotlhe;[3] yo o itshwarelang maikepo otlhe a gago; a fodise malwetse a gago otlhe fela;[4] yo o rekololang botshelo jwa gago mo tshenyegong; a go rwese tlhogo ka bopelonomi jwa lorato, le ka mautlwelobotlhoko a manana;[5] yo o kgorisang legano la gago ka dilo tse di molemo; bokau jwa gago boo bo tle bo šafadiwe bo nne jaaka jwa ntswi yo motona.

MATHEO 20:29-34
[29] E rile ba tswa mo Jeriko, bontsi jo bogolo jwa batho jwa mo sala morago.[30] Mme banna ba le babedi ba ba foufetseng ba bo ba dutse fa tseleng, mme ba re ba utlwa fa Jesu a feta, mme ba goa ba re: “Morena Morwa Dafite, re utlwele botlhoko!”[31] Mme batho ba bantsi ba ba kgalemela, ba re ba didimale; mme ba goa bogolo ba re: “Re utlwele botlhoko, Morwa Dafite!”[32] Mme Jesu a ema, a ba bitsa a re: “Lo rata ka lo direla eng?”[33] Ba mo raya ba re: “Morena, ra re: ‘A matlho a rona a foufololwe.’ ”[34] Mme Jesu, ka a tlhomoga pelo, a ama matlho a bone, mme ba akofa ba bona, mme ba mo sala morago.

MATHEO 14:13-21
[13] Jaana e rile Jesu a utlwa, a tloga teng ka mokoro a ngongwaelela kwa thoko, felong fa go se nang batho; mme batho ba ba matshutitshuti ba re ba utlwa, ba mo latela ba tsamaya ka dinao, ba tswa mo metseng.[14] A tswa, a bona bontsintsi jo bogolo jwa batho mme a ba tlhomogela pelo, a fodisa balwetse ba bone.[15] Ya re go nna maitseboa barutwa ba gagwe ba tla mo go ene ba re: “Golo fa ke naga fela, le lobaka lo setse lo fetile; phatlalatsa batho, gore ba ye mo metsaneng go ithekela dijo.”[16] Jesu a ba raya a re: “Ga ba na go tsamaya; ba feng ba je.”[17] Ba mo raya ba re: “Fano ga re na sepe fa e se dinkgwe di le tlhano, le ditlhapi di le pedi fela.”[18] A re: “Di lereng kwano go nna.”[19] Mme a laola ba ba matshutitshuti go nna mo bojannyeng, a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, a lelalela legodimong, a di segofatsa, a di ngathoganya, mme dinkgwe a di neela barutwa, barutwa ba di abela batho.[20] Mme ba ja botlhe ba kgora; mme ba sela dikabetla tse di setseng, ya nna diroto tse di tletseng di le 12.[21] Ba ba jeleng e ka ne e le banna ba le 5 000, go sa balwe basadi le banyana.

MATHEO 15:29-39
[29] Jesu a tloga a tswa teng, a tla fa gaufi le lewatle la Galilea; mme a tlhatlogela mo thabeng, a dula teng.[30] Ga tla kwa go ene matshutitshuti a magolo a batho, ba na le ba ba tlhotsang, le difofu, le dimumu, le digole le ba bangwe ba le bantsi, ba ba baya fa fatshe fa dinaong tsa gagwe, mme a ba fodisa.[31] Bontsi jwa batho jwa ba jwa tla jwa gakgamala, ka ba bona dimumu di bua, digole di itekanetse, batlhotsi ba tsamaya, le difofu di bona; mme ba galaletsa Modimo wa Iseraele.[32] Jesu a ipiletsa barutwa ba gagwe a re: “Ke tlhomogela batho ba bantsi ba pelo, ka jaana ba setse ba tlhotse le nna malatsi a le mararo, mme ba se na se ba se jang; ga ke rate go ba phatlalatsa ka tlala, e se re gongwe ba dimelela mo tseleng.”[33] Barutwa ba mo raya ba re: “Fano mo nageng fela re tlaa bo re bonye kae dinkgwe tse di lekanyeng go kgorisa bontsi jo bo kanakana?”[34] Jesu a ba raya a re: “Lo na le dinkgwe di le kae?” Ba re di supa le ditlhapi di se kae.[35] Mme a laola gore batho ba dule fa fatshe;[36] mme a tsaya dinkgwe tse supa, le ditlhapi, a leboga, a di ngathoganya, a di neela barutwa, mme barutwa ba di abela batho.[37] Ba a ja botlhe fela, ba kgora; ba ba ba sela dikabetla tse di setseng, ya nna diroto di supa di tletse.[38] Ba ba jeleng e ne e le banna ba ba dikete tse nne, go sa balwe basadi le banyana.[39] Mme a phatlalatsa matshutitshuti a batho, a tsena mo mokorong, a ya a fitlha mo melelwaneng ya Magetane.

MATHEO 6:30-44
[30] Fa Modimo o apesa jalo bojang jwa naga jo gompieno bo emeng, mme e re ka moso bo latlhelwe mo pesetsong, a ga o ketla o apesa lona bogolo jang, lona ba tumelo e potlana?[31] “Ke gone se itlhobaeleleng lwa re: ‘Re tlaa ja eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa nwa eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa apara eng?’[32] Gonne Baditšhaba ba batla tsone dilo tsotlhe tseo; gonne Rraeno wa legodimo o a itse fa lo tlhoka dilo tse tsotlhe.[33] Mme batlang pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe; mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa.[34] Ke gone se tlhobaeleleng moso: gonne moso o tlaa itlhobaelela ka osi. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanywe ke bosula jwa lone.[35] “Lo se ka lwa sekisa, gore lo se sekisiwe.[36] Gonne tshekiso e lo sekisang ka yone, lo tlaa sekisiwa ka yone; le selekanyo se lo lekanyang ka sone, lo tlaa lekanyediwa ka sone.[37] O lebelang selabe se se mo leitlhong la wa gaeno, mme o sa tlhokomele mosipuri o o mo leitlhong le e leng la gago?[38] Kgotsa o tlaa raya wa gaeno jang o re: ‘Mma ke ntshe selabe se se mo leitlhong la gago;’ mme bona, mosipuri ke oo o mo leitlhong la gago?[39] Moitimokanyi ke wena, ntsha mosipuri o o mo leitlhong la gago pele; foo o tlaa bona sentle go ntsha selabe se se mo leitlhong la wa gaeno.[40] “Lo se ka lwa naya dintša se se itshepileng, le gone lo se ka lwa latlhela diperela tsa lona fa pele ga dikolobe, gore e se re kgotsa tsa di gataka ka ditlhako, mme tsa menoga tsa gagola lona.[41] “Lopang, mme lo tlaa newa; batlang, mme lo tlaa bona; kgwanyakgwanyang, mme lo tlaa bulelwa.[42] Gonne mongwe le mongwe yo o lopang o a amogela; le yo o batlang o a bona; mme go bulelwe yo o kgwanyakgwanyang.[43] Kgotsa go na le monna ofe mo go lona yo e ka reng fa morwawe a mo lopa senkgwe, a mo naya lentswe?[44] Kgotsa fa a lopa tlhapi, a mo naya noga?

LUKA 15:11-32
[11] Mme a re: “Monna mongwe o ne a na le bana ba basimane ba le babedi.[12] Yo mmotlana wa bone a raya rraagwe a re: ‘Rra, nnaya mo e neng e tlaa nna ga me ga boswa.’ Mme a ba kgaoganyetsa dilo tse o tshelang ka tsone.[13] Mme ya re malatsi a ise a fete a le mantsi morago ga moo, ngwana yo mmotlana a phutha gotlhe, a etela kwa lefatsheng le le kgakala, mme a le gone a senya dilo tsa gagwe mo ditlhapelong tsa bofafalele.[14] Ya re a sena go di fedisa tsotlhe fela, ga wela mmopamo o mogolo thata mo lefatsheng leo; mme a simolola go nna mo pitlaganong.[15] Mme a ya a ineela mo go mongwe monni wa lefatshe leo, mme ene a mo isa kwa nageng ya gagwe gore a otlele dikolobe teng.[16] Mme a eletsa a ka bo a ka kgora moroko o o jewang ke dikolobe; mme a se ka a fiwa ke ope.[17] Mme e rile a itharabologelwa a re: ‘Kana batlhanka ba ba thapilweng ba ga rre ba bantsi jang, ba na le dijo tse di lekanyeng di ba di sala, mme nna ke swela fano ka tlala.[18] Ke tlaa nanoga ke ya kwa go rre, ke mo raya ke re: Rra, ke leofetse legodimo, le fa pele ga gago;[19] ka moo ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao; ntira jaaka mongwe wa batlhanka ba gago ba ba thapilweng.’[20] “Mme a nanoga, a tla kwa go rraagwe. Ya re a sa ntse a le kgakala, rraagwe a mmona, mme a tlhomolwa ke pelo, a taboga, a ya a wela mo thamong ya gagwe, a mo atla.[21] Mme morwawe a mo raya a re: ‘Rra, ke leofetse legodimo, le fa pele ga gago, ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao.’[22] Rraagwe a raya batlhanka a re: ‘Ntshang seaparo se sentlentle ka bonako, lo se mo apese; lo mo rwese mohitsana mo letsogong, le ditlhako mo dinaong;[23] lereng namane e e nonneng, lo e tlhabe; mme a re jeng, re dire mokete o mogolo;[24] gonne yo morwaake o ne a sule, mme o bile o tshedile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ Ba simolola go dira mokete.[25] “Jaana morwawe yo mogolo a bo a le kwa nageng; ya re a tla a atamela ntlo, a utlwa kopelo le pino.[26] Mme a bitsa mongwe wa batlhanka, a mmotsa a re: ‘Ke eng se se dirwang jaana?’[27] A mo raya a re: ‘Monnao o tsile; mme rraago o tlhabile namane e e nonneng, ka gobo a mmonye a itekanetse fela.’[28] “Mme a nna bogale, a gana go tsena; mme rraagwe a tswela kwa go ene a mo rapela.[29] A fetola rraagwe a re: ‘Bona, ke go diretse ka dinyaga tse dintsi tse, le gone ga ke ise nke ke tlole taolo ya gago gope; le fa go ntse jalo, ga o ise o ko o nneye le fa e le potsane, gore ke dire mokete le ditsala tsa me.[30] Mme morwao yo, yo o supuditseng dilo tsa gago le baakafadi, o rile a sa ntse a tla fela, wa mo tlhabisa namane e e nonneng.’[31] “A mo raya a re: ‘Morwaaka, ke na nao ka metlha yotlhe, le tsotlhe tse e leng tsa me ke tsa gago.[32] E ne e le tshwanelo fa re ka dira mokete, ra ba ra itumela; gonne yo monnao o ne a sule, mme o bile o tshedile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ ”

Tswana Bible 1908
Public Domain