A A A A A

God: [Financial Blessing]


1 SAMUELE 2:7
Jehofa o a humanegisa, e bile o a humisa; a kokobetse, le gone a kakatlolole.

2 BAKORINTHE 8:9
Gonne lo a itse bopeloyalorato jwa Morena wa rona Jesu Keresete, gore le fa a ne a humile, le fa go ntse jalo a humanega ka ntlha ya lona, gore lo tle lo hume ka khumanego ya gagwe.

3 JOHANE 1:2
Moratwa, ke rapela gore mo dilong tsotlhe o tle o tlhogonolofale, o robale sentle, fela jaaka mowa wa gago o a bo o ntse o tlhogonolofetse.

MORERI 9:10
Se seatla sa gago se se bonang go se dira o se dire fela ka nonofo ya gago; gonne ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong, kwa o yang gone.

BAGALATIA 6:9
A re se lapeng mo go direng molemo; gonne re tlaa roba mo motlheng o e leng one, fa re sa ngodiege;

GENESI 13:2
Aberame a bo a humile dikgomo thata, le selefera, le gouta.

HOSEA 4:6
Batho ba me ba senyegile ka go tlhoka kitso; ereka o ganne kitso, le nna ke tlaa go gana, gore o se nne moperesiti wa me, e re ka o lebetse molao wa Modimo wa gago, le nna ke tlaa lebala bana ba gago.

JAKOBO 5:12
Bogolo go dilo tsotlhe, bagaetsho, lo se ka lwa ikana, le fa e le ka legodimo, le fa e le ka lefatshe, le fa e ka bo e le ka ikano nngwe e sele; a “Ee” ya lona e nne Ee, le “Nnyaa” ya lona e nne Nnyaa; gore lo tle lo se ka lwa wela mo tshekisong.

JOHANE 6:12
Mme ya re ba sena go kgora, a raya barutwa ba gagwe a re: “Selang dikabetla tse di setseng, gore go se ka ga latlhega sepe.”

LUKA 6:38
nayang, mme lo tlaa newa, selekanyo se se molemo, se se katetsweng, se se tsikitleditsweng, se se penologang, batho ba tlaa se lo naya mo dihubeng tsa lona. Gonne ka selekanyo se lo lekanyang ka sone lo tlaa ba lo lekanyediwa ka sone fela.

LUKA 12:34
Gonne kwa lohumo lwa lona lo leng teng, dipelo tsa lona le tsone di tlaa nna teng.

DIANE 10:22
Tshegofatso ya ga Jehofa e a humisa, ga a ke a e oketsa ka bohutsana.

DIANE 11:14
Kwa go se nang kgogo ya botlhale gone, batho ba a wa, mme mo bontsing jwa bagakolodi go nne le polokego.

DIANE 19:17
Yo o tlhomogelang bahumanegi pelo o adima Jehofa, mme o tlaa ba a mo duelela tiro ya gagwe e e molemo.

DIANE 21:17
Yo o ratang letlhapelo o tlaa nna mohumanegi, yo o ratang bojalwa jwa mofine le lookwane ga a ketla a huma.

DIANE 22:9
Yo o leitlho le lebang ka molemo o tlaa segofadiwa, gonne o tle a phumusetse mohumanegi dijo tsa gagwe.

DIANE 28:22-27
[22] Yo o leitlho le le bosula o itlhaganelela dikhumo, mme a sa itse fa botlhokwa bo tlaa mo wela.[23] Yo o kgalemelang motho o tlaa nama a bona botsalano bogolo go yo o hakang ka loleme.[24] Yo o utswelang rraagwe kgotsa mmaagwe, mme a re: “Ga se tlolo epe;” motho yoo ke monkana wa sesenyi.[25] Motho yo o pelotshetlha o tsosa dikgang; mme yo o ikanyang Jehofa o tlaa nontshiwa.[26] Yo o ikanyang pelo ya gagwe ka esi ke seeleele, mme yo o tsamayang ka botlhale o tlaa gololwa.[27] Yo o abelang bahumanegi ga a ketla a tlhoka, mme yo o ipipang matlho o tlaa bona phutso gantsintsi.

DIPESALEMA 24:1
Lefatshe ke la ga Jehofa, le botlalo jwa lone; lefatshe le ba ba agileng mo go lone.

MATHEO 6:33
Mme batlang pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe; mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa.

MATHEO 23:23
“A bo go latlhega lona bakwadi le Bafarisai, baitimokanyi! Lo tle lo kgethe sa bosome sa ditlhatshana tsa rothwe le thoma le mosukujwane, mme lo tlogetse dilo tsa molao tse di boima bogolo di sa dirwa, e bong tshiamiso le kutlwelobotlhoko, le boikanngo; tse lo ne lo tshwanetse go di dira, le tse dingwe lo sa di lese di sa dirwa.

MATHEO 25:21
Morena wa gagwe a mo raya a re: ‘O dirile sentle, motlhanka yo o molemo le boikanngo; o ntse o le boikanngo mo dilong tse dipotlana, ke tlaa go laodisa dilo di le dintsi; tsena mo boitumelong jwa morena wa gago.’

BAROMA 13:8
Lo se ka lwa nna molato le ope, fa e se go ratana fela; gonne yo o ratang wa ga gabo o dirafaditse molao.

DIANE 3:9-10
[9] Tlotla Jehofa ka thoto ya gago, le ka tsa ntlha tsa totafalelo yotlhe ya gago.[10] Jalo mabolokelo a gago a tlaa tlala letlotlo, le dithatholelo tsa gago di tlaa penologa bojalwa jo boša.

DIPESALEMA 121:1-2
[1] Ke tlaa tsholeletsa matlho a me kwa dithabeng; thuso ya me e tlaa tswa kae?[2] Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa, yo o dirileng legodimo le lefatshe.

MAREKO 11:22-23
[22] Mme Jesu a ba raya a re: “Nnang le tumelo mo Modimong.[23] Ammaaruri ke a lo raya, le yo o tlaa rayang thaba e, a re: ‘Manologa o thabuegele mo lewatleng;’ fa a sa belaele mo pelong ya gagwe, a dumela fa se o se buang se tlaa dirala; o tlaa se bona.

GENESI 1:26-27
[26] Modimo wa re: “A re direng motho mo setshwanong sa rona, ee, ka fa setshwanong sa rona; le gone a a laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le dikgomo, le lefatshe lotlhe, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe.”[27] Modimo wa tlhola motho mo setshwanong sa one tota, wa mo tlhola mo setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola nona le tshadi.

2 BAKORINTHE 9:6-8
[6] Ke bua jaana ka re: Yo o jalang ka bongoma, o tlaa roba ga bongoma, yo o jalang ka bogolo, o tlaa roba ga bogolo.[7] A motho mongwe le mongwe a dire ka fa o ikaeletseng mo pelong ya gagwe ka teng; e seng ka go ngongorega, le fa e le ka patelelo, gonne Modimo o rata yo o abang ka pelotshweu fela.[8] Modimo o nonofile go lo totafaletsa tshegofatso yotlhe; gore e tle e re lo ntse lo na le mo go lekanyeng ga dilo tsotlhe, lo bo lo totafalele tiro nngwe le nngwe e e molemo.

LUKA 14:28-30
[28] “Gonne ke ofe wa lona yo e ka reng fa a rata go aga kago e e godileng, mme a se ka a dula pele a bala madi a yone, gore a tle a itse fa a na le a a lekanyeng go e swetsa.[29] E se re kgotsa a sena go e thaya a retelelwa ke go e swetsa; mme botlhe ba ba e bonang ba simolole go mo sotla.[30] Ba re: ‘Monna yo o simolotse go aga, mme a bo a sa nonofa go swetsa.’

LUKA 6:34-36
[34] Fa lo adima bone ba lo solofetseng go amogela mo go bone, lo bo lo na le tebogo efe? Gonne baleofi le bone ba tle ba adime baleofi, gore ba amogele mo go kalo gape.[35] Mme lona, ratang baba ba lona, ba direleng molemo, adimang fela, lo sa tlhoboge gope; mme tuelo ya lona e tlaa nna kgolo, mme lo tlaa nna bana ba Mogodimodimo; gonne ene o pelonomi mo go ba ba sa lebogeng, le mo go ba ba bosula.[36] Ke gone lona lo nne kutlwelobotlhoko fela, jaaka Rraalona le ene a le kutlwelobotlhoko.

JAKOBO 5:1-3
[1] Helang tlheng lona bahumi, lo lele, lo bokolelele dilo tse di matladika tse di tlang go lo wela.[2] Mahumo a lona a bodile, le diaparo tsa lona di jelwe ke motoutwane.[3] Gouta ya lona e jelwe ke morodu, le selefera sa lona; morodu wa tsone o tlaa nna tshupo e e lo sekisang, o tlaa ja nama ya lona jaaka molelo. Lo ipoloketse khumo ya lona mo metlheng ya bofelo.

GENESI 12:1-20
[1] Jaana Jehofa a raya Aberame a re: “Tloga, o tswe mo lefatsheng la gaeno, le mo go bagaeno, le mo ntlong ya ga rraago, o ye kwa lefatsheng le ke tlaa le go supetsang.[2] Ke tlaa dira morafe o mogolo ka wena; ke tlaa go segofatsa, ke dira leina la gago le nna legolo, gore wena o nne tshegofatso.[3] “Le gone ke tlaa segofatsa bone ba ba go segofatsang, le ene yo o go hutsang ke tlaa mo hutsa. Mo go wena, ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tlaa segofala.”[4] Jalo Aberame a tsamaya jaaka Jehofa a ne a buile nae; le Lote a ya nae. Aberame a bo a le dinyaga di le 75 fa a tloga mo Harane.[5] Aberame a tsaya Sarai mosadi wa gagwe, le Lote morwa monnawe, le thoto ya bone yotlhe fela e ba neng ba e bapetse, le batho ba ba ba bonyeng mo Harane; ba tswa ba tsamaela kwa lefatsheng la Kanana, ba fitlha mo lefatsheng la Kanana.[6] Aberame a ralala lefatshe a tla a fitlha kwa felong ga Šhekeme, a tla mo mookeng wa ga More. Mokanana a bo a le mo lefatsheng ka lobaka loo.[7] Jehofa a bonala kwa go Aberame, a re: “Lefatshe le, ke tlaa le naya losika lwa gago.” Jaana a agela Jehofa yo o bonetseng kwa go ene sebeso gone.[8] A huduga gone, a ya kwa thabeng e e potileng Bethele ntlheng ya botlhabatsatsi, a tlhoma mogope wa gagwe, a potilwe ke Bethele ka fa bophirimatsatsi, le ke Ai ka fa botlhabatsatsi. A agela Jehofa sebeso gone, a bitsa leina le Jehofa.[9] Aberame a eta, a fela a ntse a tsamaela kwa Borwa.[10] Ga nna leuba mo lefatsheng. Ke fa Aberame a fologela kwa Egepeto go jaka gone, gonne leuba le ne le le letona mo lefatsheng.[11] Mme ga dirala ya re a le gaufi le go tsena mo Egepeto, a raya Sarai mosadi wa gagwe a re: “A o ko o bone jaana, ke a itse fa o le mosadi yo montle go lejwa.[12] Go tlaa dirala gore, e re Baegepeto ba go bona ba re: ‘Yo, ke mosadi wa gagwe;’ mme ba tlaa mpolaya, wena ba go lese.[13] Ke a go rapela, o tle o re, o kgaitsadiake, gore go tle go nne molemo mo go nna ka ntlha ya gago, gore mowa wa me o tshele ka wena.”[14] Mme ga dirala e rile Aberame a sena go fitlha mo Egepeto, Baegepeto ba bona mosadi fa a le montle thata.[15] Dikgosana tsa ga Faro tsa mmona, tsa mmoka kwa go Faro; mosadi a isiwa mo ntlong ya ga Faro.[16] Faro a tshola Aberame sentle ka ntlha ya mosadi. Aberame a amogela dinku, le dikgomo, le diesela tse ditona, le batlhanka, le malata, le diesela tse dinamagadi le dikamela.[17] Jehofa a betsa Faro le ntlo ya gagwe ka dipetso tse ditona, ka ntlha ya ga Sarai, mogatsa Aberame.[18] Ke fa Faro a bitsa Aberame a re: “Ana se o se ntiretseng ke eng? O ne o sa mpoleleleng fa e le mosadi wa gago?[19] O ne o buelang o re ke kgaitsadio? Ke ba ke ka mo tsaya ke re o tlaa nna mosadi wa me. Ke gone jaana, bona mosadi wa gago ke yo, mo tseye, o tsamaye.”[20] Faro a laela banna bangwe ka ga gagwe, ba mmuledisa, le mosadi wa gagwe, le tsotlhe tse a nang natso.

MATHEO 6:1-34
[1] “Lo itise gore lo se dire tshiamo ya lona fa pele ga batho go bonwa ke bone, gonne fa lo dira jalo ga lo na tuelo kwa go Rraeno yo o kwa legodimong.[2] “Ke gone e re fa o ntsha dikatso, o se ka wa letsa lonaka fa pele ga gago, jaaka baitimokanyi ba tle ba dire mo matlong a thuto, le mo mebileng, gore ba nne le tlotlego mo bathong. Ammaaruri ke a lo raya: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse.[3] Mme wena e re fa o ntsha dikatso, a seatla sa gago sa molema se se ka sa itse se seatla sa gago se segolo se se dirang,[4] gore go ntsha dikatso ga gago go nne mo sephiring, mme Rraago yo o bonang mo sephiring o tlaa go duela.[5] “Mme e re fa lo rapela lo se ka lwa nna jaaka baitimokanyi; gonne bone ba rata go rapela ba eme mo matlong a thuto, le fa makopanelong a mebila gore ba bonwe ke batho. Ammaaruri ke a lo raya: Tuelo ya bone ba e amogetse.[6] Mme wena, e re fa o rapela, o tsene mo ntlwaneng ya gago e e kwa teng, o re o sena go tswala, o rapele Rraago yo o mo sephiring, mme Rraago yo o bonang mo sephiring o tlaa go duela.[7] “Fa lo rapela, lo se ka lwa boaboela fela jaaka Baditšhaba ba tle ba dire; gonne ba gopola gore ba tlaa utlwiwa ka ntlha ya go bue bobe ga bone.[8] Ke gone se nneng jaaka bone; gonne Rraeno o itse dilo tse lo di tlhokang lo ise lo di mo lope.[9] Ke gone lo rapele lo re: “Rraetsho yo o kwa legodimong, leina la gago a le itshepisiwe.[10] Bogosi jwa gago a bo tle. Go rata ga gago a go dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.[11] Re neye gompieno sejo sa rona sa letsatsi.[12] Mme o re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba molato le rona.[13] O se ka wa re isa mo thaelong, mme o re golole mo go yo o bosula. (Gonne bogosi ke jwa gago, le thata, le kgalalelo, ka bosenabokhutlo. Amen.)[14] “Gonne fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rraeno wa legodimo le ene o tlaa lo itshwarela le lona.[15] Fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, Rraeno le ene ga a ketla a itshwarela ditlolo tsa lona.[16] “Le gone gape, e re fa lo ikitsa go ja, lo se ka lwa itlhontsha difatlhogo jaaka baitimokanyi; ka gobo bone ba itlhontsha difatlhogo, gore ba bonwe ke batho jaaka ba ikiditse go ja. Ammaaruri ke a lo raya: Tuelo ya bone ba setse ba e amogetse.[17] Mme wena, e re fa o ikitsa go ja, o itlotse tlhogo, o tlhape mo sefatlhogong;[18] gore o se bonwe ke batho fa o ikiditse go ja, fa e se ke Rraago yo o mo sephiring; mme Rraago yo o bonang mo sephiring o tlaa go duela.[19] “Se iphutheleng dikhumo mo lefatsheng, kwa motoutwana o senyang teng le morodu, le kwa magodu a thubelang go utswa teng.[20] Iphutheleng dikhumo kwa legodimong, kwa motoutwana o sa senyeng teng le fa e le morodu, le kwa magodu a sa phunyeng le fa e le go utswa teng;[21] gonne kwa khumo ya gago e leng teng, pelo ya gago le yone e tlaa nna fela teng.[22] “Leitlho ke lobone lwa mmele; ke gone e a re fa leitlho la gago le bona sentle, mmele otlhe wa gago o tlale lesedi.[23] Mme e a re fa leitlho la gago le le bosula, mmele otlhe wa gago o tlale lefifi. Ke gone e a re fa lesedi le le mo go wena e le lefifi, ana lefifi leo le legolo jang![24] “Ga go na motho ope yo o ka direlang barena ba le babedi; ka a tlaa ila yo mongwe, mme a rate yo mongwe; gongwe a ngaparele yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa direla Modimo le Dikhumo.[25] “Ke gone ke lo rayang ke re: Se tlhobaeleleng botshelo jwa lona lwa re ‘Re tlaa ja eng, re tlaa nwa eng?’ Le fa e le ka ga mmele lwa re: ‘Re tlaa apara eng?’ Botshelo a ga bo gaise dijo, le mmele a ga o gaise diaparo?[26] Lebang dinonyane tsa loapi, jaaka di sa jale le gone di sa robe, le fa e le go rorela mo mabolokelong; mme Rraeno wa legodimo o a di otla. Lona a ga lo tlhwatlhwa e kgolo thata bogolo go tsone?[27] Ke ofe wa lona yo o ka ikokeletsang boleele jwa letsogo le le lengwe fela ka go itlhobaelela bobe?[28] “Lo itlhobaelelelang diaparo? Akanyang dithunya tsa masoma a naga, ka fa di golang ka teng: ga di dire, ga di otlhe.[29] Le fa go ntse jalo ke a lo raya, le e leng ene Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe, o ne a sa kgabe jaaka sengwe sa tsone tseo.[30] Fa Modimo o apesa jalo bojang jwa naga jo gompieno bo emeng, mme e re ka moso bo latlhelwe mo pesetsong, a ga o ketla o apesa lona bogolo jang, lona ba tumelo e potlana?[31] “Ke gone se itlhobaeleleng lwa re: ‘Re tlaa ja eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa nwa eng?’ Kgotsa, ‘Re tlaa apara eng?’[32] Gonne Baditšhaba ba batla tsone dilo tsotlhe tseo; gonne Rraeno wa legodimo o a itse fa lo tlhoka dilo tse tsotlhe.[33] Mme batlang pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe; mme dilo tsotlhe tse lo tlaa di okelediwa.[34] Ke gone se tlhobaeleleng moso: gonne moso o tlaa itlhobaelela ka osi. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanywe ke bosula jwa lone.

DOITERONOMIO 28:1-68
[1] “Go tlaa dirala gore fa o reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago ka tlhoafalo, go tlhokomela go dira ditaolo tsotlhe tsa gagwe tse ke di go laolelang gompieno, Jehofa Modimo wa gago o tlaa go baya kwa godimo go feta merafe yotlhe ya lefatshe;[2] masego a otlhe a tlaa tla mo go wena, a go fitlhela, fa o reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago.[3] “O tlaa nna sego mo motseng, o tlaa nna sego mo nageng.[4] “Loungo lwa mmele wa gago lo tlaa segofala, le loungo lwa lefatshe la gago, le loato lwa dikgomo tsa gago, e bong loato lwa dikgomo tsa gago, e bong loato lwa dikgomo tsa gago tse dinamagadi, le loonyana lwa matsomane a gago.[5] “Seroto sa gago se tlaa segofala, le mogopo wa gago wa bodubelo.[6] “O tlaa segofala o goroga, o ba o segofala o bolola.[7] “Baba ba gago ba ba go tsogologelang, Jehofa o tlaa dira gore ba kgemethwe fa pele ga gago; ba tlaa go bololela ka tsela e le nngwe fela, mme ba tlaa tshaba fa pele ga gago ka ditsela di supa.[8] “Jehofa o tlaa go laolela tshegofatso mo mabolokelong a gago, le mo go tsotlhe tse o di bayang seatla; o tlaa go segofatsa mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang.[9] “Jehofa o tlaa go itlhomamisetsa go nna tšhaba e e boitshepo, jaaka a go ikanetse; fa o tshegetsa ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa gago, o ba o sepela mo tseleng tsa gagwe.[10] Ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tlaa bona fa o bidiwa ka leina la ga Jehofa; mme di tlaa go boifa.[11] Jehofa o tlaa go ntsifaletsa mo go molemo, mo loumong lwa mmele wa gago, mo loatong lwa dikgomo tsa gago, le mo loungong lwa lefatshe la gago, mo lefatsheng le Jehofa o ikanetseng borraeno, a re o tlaa le go naya.[12] Jehofa o tlaa go bulela polokelo ya gagwe e e molemo, e bong legodimo, go nesa pula ya lefatshe la gago mo lobakeng lwa yone, le go segofatsa tiro yotlhe ya diatla tsa gago; o tlaa adima merafe e le mentsi, mme wena ga o ketla o adima mo go ope.[13] Jehofa o tlaa go dira tlhogo, e seng mogatla, o tlaa nna kwa godimo go le gosi, ga o ketla o nna kwa tlase; fa o reetsa ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa gago, tse ke di go laolelang gompieno, o di tlhokomela o di dira,[14] o sa fapoge mafoko ape a ke a go laolelang gompieno, go ya ntlheng ya le legolo, kgotsa ya la molema, o latelela medimo e sele go tla o e direla.[15] “Mme fa o gana go reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago, go tlhokomela go dira ditaolo tsotlhe tsa gagwe, le ditao tsa gagwe tse ke di go laolelang gompieno, diphutso tse tsotlhe di tlaa go wela, di go tshwara.[16] “O tlaa hutsega mo motseng, o tlaa hutsega mo nageng.[17] “Go tlaa hutsega seroto sa gago, le mogopo wa gago wa bodubelo.[18] “Go tlaa hutsega loumo lwa mmele wa gago, le loungo lwa lefatshe la gago, le loato lwa dikgomo tsa gago, le loonyana lwa letsomane la gago.[19] “O tlaa hutsega o goroga, o tlaa hutsega o bolola.[20] “Jehofa o tlaa go tlisetsa phutso, le pheretlhego, le kgalemo mo go tsotlhe tse o tlaa di bayang diatla go di dira, go tsamaya o senngwa, le go tsamaya o nyelela ka bonako; ka ntlha ya bosula jwa ditiro tsa gago, tse o ntatlhileng ka tsone.[21] Jehofa o tlaa dira gore kgogodi e go ngaparele, go tsamaya a go nyeleletsa ruri mo lefatsheng, kwa o yang go tsena teng o ya go le rua.[22] Jehofa o tlaa go laila ka tlhorego, le ka botlhoko jwa letshoroma, le ka phisego, le ka tutumo e e molelo, le ka tšhaka, le ka tshubego yo bolemo, le ka mokubo; mme dilo tse di tlaa go konatelela go tsamaya o nyelela.[23] Legodimo la gago le le go okameng le tlaa nna kgotlho fela, le lefatshe le o le gatang le nne tshipi fela.[24] Jehofa o tlaa dira pula ya lefatshe la gago gore e nne loupa le lorole fela; lo tlaa go nela lo tswa legodimong, go tsamaya o senyega.[25] “Jehofa o tlaa dira gore o kgemethwe fa pele ga baba ba gago; o tlaa ba bololela ka tsela e le nngwe fela, o tlaa tshaba fa pele ga bone ka ditsela di supa; o tlaa akgaakgelwa kwa le kwa mo gare ga magosi a lefatshe.[26] Setoto sa gago se tlaa nna dijo tsa dinonyane tsotlhe tsa loapi, le tsa dibatana tsa lefatshe, ga go ketla go dira le ope yo o di tshosang.[27] Jehofa o tlaa go itaya ka diso tsa Egepeto, le ka ditlhagala, le ka sekwapi, le ka makgophe, e le dilo tse o sa kakeng wa fodisiwa mo go tsone.[28] Jehofa o tlaa go itaya ka botsenwa, le ka bofofu, le ka tseano ya pelo;[29] o tlaa apaapa motshegare jaaka sefofu se tle se apaapa mo lefifing; ga o ketla o tlhogonolofala mo tseleng tsa gago; o tlaa nna o bogisiwa fela, o thopiwa ka metlha yotlhe, ga go nke go nna ope yo o go thusang.[30] “O tlaa beelela mosadi, mme monna o sele o tlaa lala nae; o tlaa aga ntlo, mme ga o ketla o nna mo go yone; o tlaa tlhoma tshimo ya mafine,[31] Kgomo ya gago e tlaa tlhajwa fa pele ga matlho a gago, mme ga o ketla o e ja; esela ya gago e tlaa phamolwa ka thata fa pele ga sefatlhogo sa gago, mme ga o ketla o e rebolelwa; dinku tsa gago di tlaa newa baba ba gago, mme ga go nke go nna ope yo o go thusang.[32] Bana ba gago ba basimane le ba basetsana ba tlaa newa batho ba sele, matlho a gago a tlaa nna a sa le a leba, mme a tlaa kalega ka go tlhola o ba tlhologeletswe motshegare otlhe; mme ga go ketla go nna le sepe se se mo thateng ya seatla sa gago.[33] Loungo lwa lefatshe la gago, le matsapa otlhe a gago, morafe o o sa o itseng o tlaa go ja gotlhe fela; wena o tlaa bogisiwa fela o pitlwa ka metlha yotlhe.[34] O tlaa tsentshiwa ke go bona mo o tlaa go bonang ka matlho a gago.[35] Jehofa o tlaa go itaya mo mangoleng, le mo maotong ka seso se se botlhoko se o sa kakeng wa fodisiwa mo go sone, go tswa mo patong ya lonao go ya kwa phogong.[36] “Jehofa o tlaa go isa le kgosi e o tlaa e ipeelang, a go isa kwa morafeng o o sa o itseng, wena le fa e le borraeno; o tlaa direla medimo e sele gone, ya logong le ya lentswe.[37] O tlaa tswa kgakgamatso, le seane, le setlhajwa difela mo ditšhabeng tsotlhe tse Jehofa o tlaa go gogelang kwa go tsone.[38] “O tlaa rwalela peo e le kgolo kwa bolemong, mme o rorele bobotlana kwa gae, gonne tsie e tlaa e bilatsa fela.[39] O tlaa tlhoma masimo a mafine, o a baakanya, mme ga o ketla o nwa bojalwa le fa e le go ja loungo lwa mofine; gonne seboko se tlaa di ja.[40] O tlaa nna le ditlhare tsa matlhware mo lefatsheng lotlhe la gago, mme ga o ketla o tlola lookwane, gonne motlhware wa gago o tlaa tlhotlhorega loungo lwa one.[41] O tlaa tshola bana ba basimane le basetsana, mme ga ba ketla ba nna ba gago, gonne ba tlaa ya botshwarong.[42] Tsie e tlaa ja ditlhare tsotlhe tsa gago le loungo lwa lefatshe la gago.[43] “Moeng yo o mo go wena o tlaa nna a palamela godimodimo ga gago a ntse a ya kwa godimo fela, wena o tlaa nna o ya kwa tlase.[44] Ene o tlaa go adima, mme ga o ketla o adima ene; ene o tlaa nna tlhogo, wena o nne mogatla.[45] “Diphutso tse tsotlhe di tlaa tla mo go wena, di tlaa go konatelela di go tshwara go tsamaya o senngwa, ka o se ka wa reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago, go tshegetsa ditaolo tsa gagwe le ditao tsa gagwe tse o di go laoletseng.[46] Di tlaa nna mo go wena e le sesupo, le segakgamatso, le mo losikeng lwa gago ka bosakhutleng.[47] “Ka o se ka wa direla Jehofa Modimo wa gago ka boitumelo, le ka boipelo jwa pelo, ka ntlha ya letlotlo la dilo tsotlhe,[48] ke gone ka moo o tlaa direlang baba ba gago, ba Jehofa o tlaa ba go tsosetsang, o ba direla mo tlaleng, le mo lenyoreng, le mo bosaikategang, le mo botlhokweng jwa dilo tsotlhe; mme o tlaa baya jokwe ya tshipi mo thamong ya gago go tsamaya a go senya.[49] Jehofa o tlaa go reololela morafe o o tswang kgakala, o tswa kwa bokhutlong jwa lefatshe, jaaka ntswi yo motona a tla a fofe; e le morafe o loleme lwa one o sa lo tlhaloganyeng;[50] e le morafe o o sefatlhogo se se bogale, o o se ketlang o tlhokomela botho jwa motsofe, le fa e le go rekegela ba ba nana.[51] O tlaa ja loato lwa dikgomo tsa gago, le loungo lwa lefatshe la gago, go tsamaya o senngwa; e le morafe o o se ketlang o tlogela mabele, le fa e le bojalwa, le fa e le lookwane, le fa e le loato lwa dikgomo, le fa e le loonyana lwa letsomane la gago, go tsamaya o go fedisa.[52] O tlaa go tlhasela ka dikgoro tsotlhe tsa gago, go tsamaya dithako tsa gago tse di godileng le tse di thata, tse o di ikanelang, di salalagana mo lefatsheng lotlhe la gago; o tlaa go tlhasela ka dikgoro tsotlhe tsa gago mo lefatsheng lotlhe la gago le Jehofa Modimo wa gago o le go neileng.[53] “O tlaa ja loumo lwa mmele wa gago tota, nama ya bana ba gago ba basimane le ba basetsana, ba Jehofa Modimo wa gago o ba go neileng; mo tlhaselong le mo pitlaganong e baba ba gago ba tlaa go pitlaganyang ka yone.[54] Monna wa seitlotli mo go lona, le yo o masisi thata, leitlho la gagwe le tlaa sulafalela morwa rraagwe, le mosadi wa gagwe yo o nnang mo sehubeng sa gagwe, le masalela a bana ba gagwe ba ba mo saletseng.[55] Ke go re, ga a ketla a naya ope wa bone nama ya bana ba gagwe ba o tlaa ba jang, ka a sa salelwa ke sepe; go tewa mo tlhaselong le mo pitlaganong e mmaba wa gago o tlaa go pitlaganyang ka yone, ka dikgoro tsotlhe tsa gago.[56] Mosadi wa seitlotli, le yo o masisi mo go lona, yo o ne a sa kake a leka go baya lonao lwa gagwe fa fatshe ka ntlha ya bosisi le boitlotlo, leitlho la gagwe le tlaa sulafalela monna wa gagwe yo o nnang mo sehubeng sa gagwe, le morwawe, le morwadie;[57] le motlhana wa gagwe o o tswang mo gare ga dinao tsa gagwe, le bana ba gagwe ba o tlaa ba tsalang; gonne o tlaa ba jesediwa mo sephiring ke go tlhoka dilo tsotlhe, mo tlhaselong le mo pitlaganong e mmaba wa gago o tlaa go pitlaganyang ka yone ka dikgoro tsa gago.[58] “Fa o sa tlhokomele go dira mafoko otlhe a molao o, a a kwadilweng mo lokwalong lo, gore o boife leina le le galalelang, le le le boitshegang le, e bong JEHOFA MODIMO WA GAGO;[59] foo Jehofa o tlaa dira dipetso tsa gago di nna kgakgamatso, le dipetso tsa losika lwa gago, e bong dipetso tse dikgolo tse di emeng ka boleele, le malwetse a a botlhoko a a emang ka boleele.[60] O tlaa go reololela gape malwetse otlhe a Egepeto, a o ne o a boifa; mme a tlaa go ngaparela.[61] Le gone botlhoko bongwe le bongwe, le sebetso sengwe le sengwe se se sa kwalwang mo lokwalong lwa molao o, Jehofa o tlaa di lere mo go wena, go tsamaya o senngwa.[62] Lo tlaa tlogelwa lo le babotlana mo palong, le mororo lo ne lo ntse jaaka dinaledi tsa legodimo ka bontsi; gonne ga o a ka wa reetsa lentswe la Jehofa Modimo wa gago.[63] Go tlaa dirala, go re, jaaka Jehofa a ne a lo itumelela go lo direla molemo, le go lo ntsifatsa; Jehofa o tlaa lo itumelela jalo go lo nyeletsa, le go lo senya; mme lo tlaa khumolelwa koo mo lefatsheng le o tsenang kwa go lone o ya go le rua.[64] “Jehofa o tlaa go gasamisetsa le ditšhaba tsotlhe, go tswa kwa sekhutlong sengwe sa lefatshe, go ya kwa sekhutlong se sengwe sa lefatshe; mme o le koo o tlaa direla medimo e sele, e o iseng o e itse, wena le fa e le borraeno, e bong medimo ya logong le lentswe.[65] Mme o le koo gare ga merafe eo, ga o ketla o bona boiketlo bope, ga go ketla go nna boikhutso jwa lonao lwa gago, Jehofa o tlaa go naya gona pelo e e roromang, le kalego ya matlho, le go serega ga mowa.[66] Botshelo jwa gago bo tlaa akgega mo pelaelong fa pele ga gago; o tlaa boifa bosigo le motshegare, ga o ketla o dira le tsholofetso epe ya botshelo jwa gago.[67] O tlaa re go le ka moso, o re: ‘A bo go ka bo go le maitseboa!’ E re maitseboa, o re: ‘A bo e ka bo ne ne go le ka moso!’ Ka ntlha ya poifo ya pelo ya gago e o e boifang le ka ntlha ya pono ya matlho a gago e o e bonang.[68] Jehofa o tlaa ba a go isa kwa Egepeto ka dikepe, ka tsela e ke go reileng ka ga yone, ka re: ‘Ga o ketla o tlhola o e bona gope,’ mme lo tlaa rata go ipapatsa gone mo babeng ba lona, go nna batlhanka le malata; mme ga go ketla go nna le motho ope yo o tlaa lo rekang.”

Tswana Bible 1908
Public Domain