A A A A A

God: [Curse]


LEFITIKO 20:9
“Mongwe le mongwe yo o hutsang rraagwe kgotsa mmaagwe, a a bolawe ruri; o hutsitse rraagwe kgotsa mmaagwe; madi a gagwe a a nne mo go ene.

DOITERONOMIO 28:15
“Mme fa o gana go reetsa lentswe la ga Jehofa Modimo wa gago, go tlhokomela go dira ditaolo tsotlhe tsa gagwe, le ditao tsa gagwe tse ke di go laolelang gompieno, diphutso tse tsotlhe di tlaa go wela, di go tshwara.

EKESODU 21:17
“Le yo o rogang rraagwe le fa e le mmaagwe, ruri a bolawe.

JEREMIA 15:10
Ija! Mma we! Ka e le fa o ntsetse ke le motho wa komang le kgang le lefatshe lotlhe! Ga ke a adima ope ka go lopa koketso, le nna batho ga ba a nkadima ka go ntopa koketso; le fa go ntse jalo mongwe le mongwe wa bone o a mphutsa.

BAGALATIA 3:13
Keresete o re rekolotse mo phutsong ya molao, ka a diregile phutsego mo boemong jwa rona; gonne go kwadilwe ga twe: “Go hutsegile mongwe le mongwe yo o pegilweng mo setlhareng.”

EKESODU 34:7
o o bolokelang ba makgolokgolo boutlwelo botlhoko, o o itshwarelang tshiamololo, le tlolo, le boleo; le o o se ketlang o golola yo o molato gope; o o beletsang bana ba batho tshiamololo ya borraabo, le bana ba bana, go ya go fitlha mo kokomaneng ya boraro le ya bone.”

LUKA 6:28
Lo segofatse ba ba lo hutsang, lo rapelele ba ba lo gobololang.

NUMERI 14:18
‘Jehofa o bonya go galefa, o tletse boutlwelobotlhoko; o itshwarela boikepo le tlolo, mme yo o molato ga a ketla a mo golola gope, o beletsa bana tshiamololo ya borra ba bone go ya kokomaneng ya boraro le ya bone.’

GENESI 3:17
A raya Atame a re: “E re ka o reeditse lentswe la mosadi wa gago, o jele ga setlhare se ke se go laetseng ka re: ‘O se ka wa se ja,’ mmu o hutsegile ka ntlha ya gago. O tlaa ja ga one ka letsapa, malatsi otlhe a botshelo jwa gago.

DIANE 26:2
Jaaka thaga mo go kailakaileng ga yone, le jaaka peolwane mo go fofeng ga yone, go ntse jalo phutso ya lefela ga e ke e nna.

DOITERONOMIO 5:9
“O se ka wa di ikobela, le fa e le go di direla, gonne, Nna Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borra ba bone go ya kokomaneng ya boraro, le go ya mo go ya bone ya ba ba nkilang.

BAGALATIA 5:1
Keresete o re golotse ka kgololo; ke gone, tlhomamang, lo se ka lwa tlhola lo ikgweleanya ka jokwe ya botlhanka.

EKESODU 20:5
O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla; gonne Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borraabo, go ya kokomaneng ya boraro le ya bone ya ba ba nkilang;

2 BAKORINTHE 5:17
Ke gone, fa motho a le mo go Keresete, o a ba a le sebopiwa se seša; dilo tsa bogologolo di fetile; bonang, di ntse dintšha.

1 JOHANE 4:4
Lona lo ba Modimo, banyana ba me, lo ba fentse; ka yo o mo go lona a le mogolo go feta yo o mo lefatsheng.

2 SAMUELE 16:5-8
[5] E rile kgosi Dafite a fitlha kwa Bahurime, bonang, ga tswa monna gone e le wa losika lwa ntlo ya ga Saule, leina la gagwe e ne e le Shimei, morwa Gere; a tswa, a tla a ntse a hutsa.[6] A konopa Dafite, le batlhanka botlhe ba kgosi Dafite ka maje; mme batho botlhe, le ba ba diganka botlhe ba bo ba mo potile ka fa ntlheng ya le legolo le ya la molema.[7] Shimei a re a hutsakanya a bua jaana a re: “Ga! Ga! Monna yo o tshololang madi ke wena, monna yo o seramatla ke wena;[8] Jehofa o buseditse mo go wena madi otlhe a ba ntlo ya ga Saule, yo o busang mo boemong jwa gagwe; Jehofa o tsentse bogosi mo seatleng sa ga Abesalome morwao; bona, o tshwerwe mo bosuleng jwa gago ka o le monna yo o tshololang madi.”

DOITERONOMIO 21:23
setoto sa gagwe a se se lale mo setlhareng, mme ruri o mo fitlhe ka tsatsi leo; ka gonne yo o pegilweng o hutsegile mo Modimong; gore o se ka wa itshekelola lefatshe le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang go nna boswa.

EKESODU 20:5-6
[5] O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla; gonne Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borraabo, go ya kokomaneng ya boraro le ya bone ya ba ba nkilang;[6] mme ba makgolokgolo ba bone ba ba nthatang, ba tshegetsa ditaolo tsa me, ke ba supetse boutlwelo botlhoko.

1 SAMUELE 17:43
Mofilisitia a raya Dafite a re: “A ke ntša fa e bo ne ne o tla o tshotse ditsamma jaana?” Mofilisitia a roga Dafite ka medimo ya gagwe.

HESEKIELE 18:20
Mowa o o leofang, go tlaa swa one; ngwana ga a ketla a belega boikepo jwa ga rraagwe, le rra motho ga a ketla a belega boikepo jwa ngwana; tshiamo ya mosiami e tlaa nna mo go ene, le boikepo jwa moikepi bo tlaa nna mo go ene.

JEREMIA 31:29-30
[29] E tlaa re mo metlheng eo ga ba ketla ba tlhola ba bua, ba re: “Borra bana ba jele difine tse di botlha, mme meno a bana a dilafetse.”[30] Mongwe le mongwe o tlaa swela boikepo jwa gagwe tota; motho mongwe le mongwe yo o jang difine tse di botlha ke ene meno a gagwe a tlaa dilafalang.

EKESODU 20:6
mme ba makgolokgolo ba bone ba ba nthatang, ba tshegetsa ditaolo tsa me, ke ba supetse boutlwelo botlhoko.

DOITERONOMIO 18:10-12
[10] Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope yo o ralatsang morwawe kgotsa morwadie molelo, le fa e le mongwe wa moitseanape, le fa e le mongwe yo o swabang ka eng, le eng, le fa e le morai, kgotsa yo o loang,[11] le fa e le mophekodi, kgotsa yo o buang le badimo, kgotsa ngaka ya bola, kgotsa y o botsang baswi.[12] Gonne le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o makgapha mo go Jehofa; Jehofa Modimo wa gago o e leleka fa pele ga gago ka ntlha ya tsone dilo tse di makgapha tse.

BAROMA 8:37-39
[37] Nnyaa, mo dilong tsotlhe tse re gaisa bafenyi ka ene yo o re ratileng.[38] Gonne ke a tlhomamisa gore, go le loso, go le botshelo, go le baengele, go le magosana, go le dilo tse di leng teng, go le dilo tse di tlaa tlang, go le dinonofo,[39] go le bogodimo, go le boteng, le fa e ka bo e le sebopiwa sengwe se sele, ga go ketla go nonofa sepe go re kgaoganya le lorato lwa Modimo, lo lo mo go Keresete Jesu Morena wa rona.

1 PETERO 5:8-9
[8] Lo nne lo ikgape, lo nne tiso: mmaba wa lona, diabolo, o potologa jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang.[9] Lo emalane nae lo nitame mo tumelong ya lona, lo ntse lo itse fa tsone dipogiso tseo di dirafalela bakaulengwe ba lona ba ba mo lefatsheng.

GENESI 3:17-19
[17] A raya Atame a re: “E re ka o reeditse lentswe la mosadi wa gago, o jele ga setlhare se ke se go laetseng ka re: ‘O se ka wa se ja,’ mmu o hutsegile ka ntlha ya gago. O tlaa ja ga one ka letsapa, malatsi otlhe a botshelo jwa gago.[18] O tlaa go tswela mitlwa le mofero. O tlaa ja merogo ya naga.[19] O tlaa ja dijo ka mofufutso wa sefatlhogo sa gago go fitlhelela o boele mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole, mme o tlaa boela mo loroleng.”

GENESI 4:10-12
[10] Jehofa a re: “Ana o dirile eng? Lentswe la madi a ga monnao le mpitsa le tswa mo mmung.[11] Jaanong o hutsitswe ke mmu, o o atlhamolotseng molomo wa one, go tsenya madi a ga monnao, a tswa seatleng sa gago.[12] E tlaa re o lema mmu, ga o ketla o tlhola o go ntshetsa thata ya one; o tlaa nna mofaladi le mokgarakgatshegi mo lefatsheng.”

GENESI 9:18-27
[18] Bomorwa Noa ba ba duleng mo ntlong e e kokobalang e ne e le Sheme, le Hame le Jafethe. Hame ke rra Kanana.[19] Ba bararo bao e ne e le bomorwa Noa, jalo ga tswa mo go bone ba ba farafereng lefatshe lotlhe.[20] Noa a simolola go nna molemi wa mbu, mme a tlhoma tshimo ya mofine.[21] A nwa bojalwa jwa mofine, a tagwa, a bo a sa ikatega a le mo mogopeng wa gagwe.[22] Hame, rra Kanana, a bona bosaikategang jwa ga rraagwe, a bolelela bomorwa rraagwe ba babedi kwa ntle.[23] Sheme le Jafethe ba tsaya seaparo, ba se baya mo maruding a bone boo babedi, ba kata ka samorago, ba bipa bosaikategang jwa ga rraabo; difatlhogo tsa bone tsa bo di mo fularetse, ba se ka ba bona bosaikategang jwa ga rraabo.[24] A thanya mo bojalweng jwa gagwe jwa mofine, a itse se morwawe yo mmotlana o se mo diretseng.[25] A re: “A go hutsege Kanana. O tlaa nna motlhanka wa batlhanka mo go bomorwa rraagwe.”[26] A ba a re: “A go bakwe Jehofa Modimo wa ga Sheme: A Kanana a nne motlhanka wa gagwe.[27] A Modimo o godise Jafethe; o tlaa aga mo megopeng ya ga Sheme, mme a Kanana a nne motlhanka wa gagwe.”

1 DIKGOSI 2:32-46
[32] Jehofa o tlaa busetsa madi a gagwe mo tlhogong ya gagwe, ka a ne a wela banna ba le babedi ba ba siameng godimo, le ba ba molemo bogolo go ene, a ba bolaya ka tšhaka, e bong Abenere morwa Nere, molaodi wa ntwa ya Iseraele, le Amase morwa Jethere molaodi wa ntwa ya Juta, rre Dafite a sa itse.[33] Jalo madi a bone a tlaa boela mo tlhogong ya ga Joabe, le mo tlhogong ya losika lwa gagwe ka bosakhutleng; mme mo go Dafite, le mo losikeng lwa gagwe, le mo ntlong ya gagwe, le mo setulong sa gagwe sa bogosi, go tlaa nna kagiso ka bosakhutleng, e e tswang mo go Jehofa.”[34] Foo Benaia morwa Joiata a ya a mo wela godimo, a mmolaya; mme a fitlhwa mo ntlong ya gagwe kwa nageng.[35] Kgosi ya tlhoma Benaia morwa Joiata mo boemong jwa gagwe mo taolong ya ntwa; Satoke moperesiti kgosi ya mo tlhoma mo boemong jwa ga Abiathare.[36] Kgosi ya roma, ya bitsa Shimei, ya mo raya ya re: “O ikagele ntlo mo Jerusalema, o age gone, mme o se ka wa tswa gone wa ya gope.[37] Gonne e tlaa re mo tsatsing le o tswang ka lone, o kgabaganya molatswana wa Kiterone, o itse ka tlhomamo fa ruri o tlaa swa, madi a gago a tlaa nna mo tlhogong ya gago.”[38] Shimei a raya kgosi a re: “Lefoko leo le molemo; jaaka kgosi morena wa me a buile, motlhanka wa gago o tlaa dira jalo.” Shimei a aga mo Jerusalema malatsi a le mantsi.[39] Ga dirala ya re go sena go feta dinyaga di le tharo, batlhanka ba ga Shimei ba le babedi ba ngwegela kwa go Akiše morwa Maake kgosi ya Gathe. Ga bolelelwa Shimei ga twe: “Bona, batlhanka ba gago ba kwa Gathe.”[40] Shimei a nanoga, a belesa esela ya gagwe a ya Gathe kwa go Akiše, a ya go batla batlhanka ba gagwe; Shimei a ya a busa batlhanka ba gagwe kwa Gathe.[41] Ga bolelelwa Solomone fa Shimei a ne a dule mo Jerusalema a ile Gathe, a bile a tsile.[42] Kgosi ya roma, ya bitsa Shimei, ya mo raya ya re: “A ga ke a go ikanisa ka Jehofa, ka ba ka go tlhomamisetsa, ka re: ‘O itsetse ruri fa e tlaa re mo tsatsing le o tswang ka lone, o tswela go gongwe, o tlaa swa ruri?’ Mme wa nthaya wa re: ‘Lefoko le o le utlwileng le molemo.’[43] Ke ka ntlha yang o se ka wa tshegetsa ikano ya ga Jehofa, le tao e ke go laileng ka yone?”[44] Gape kgosi ya raya Shimei ya re: “O a bo itse boikepo jotlhe jo bo mo pelong ya gago, jo o bo diretseng Dafite rre; ke gone Jehofa o tlaa busetsang boikepo jwa gago mo tlhogong ya gago.[45] Mme kgosi Solomone o tlaa segofadiwa, le setulo sa ga Dafite sa bogosi se tlaa tlhomamisiwa fa pele ga Jehofa ka bosakhutleng.”[46] Kgosi ya laola Benaia morwa Joiata, mme a tswa a mo wela godimo, a ba a tla a swa. Mme bogosi jwa tlhomamisiwa mo seatleng sa ga Solomone.

JOBE 2:9
Foo mosadi wa gagwe a mo raya a re: “A o sa ntse o tshegeditse bosenang molato jwa gago? Itatole Modimo, mme o swe.”

JOBE 19:17
Mowa wa legano la me o nkgetse mosadi wa me, le mokokotlelo wa me o nkgetse bana ba sebopelo sa ga mme.

JOBE 1:10
A ga o a mmeela mo tikologong ya gagwe le ntlo ya gagwe le tsotlhe tse o nang natso ka ntlha tsotlhe? O segofaditse tiro ya diatla tsa gagwe, le dithuo tsa gagwe di atile mo lefatsheng.

BAEFESO 6:10-17
[10] Sa bofelo, lo nonofale mo Moreneng, le mo thateng ya nonofo ya gagwe.[11] Aparang diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo, gore lo tle lo itse go ganela le maano a boferefere a diabolo.[12] Gonne ga re lwe le nama le madi, mme re lwa le magosana, le bathata, le babusi ba lefatshe le le lefifi le, le masomosomo a mewa ya boikepo mo mannong a selegodimo.[13] Ke gone, lo tseyeng dibolao tsotlhe tsa Modimo, gore lo itse go ema mo motlheng wa bosula, le gore, lo sena go dira gotlhe, lo bo lo ntse lo eme.[14] Ke gone, lo emeng lo itlamile mo dithekeng ka boammaaruri, lo bile lo apere letlatla la tshiamo la sehuba.[15] Le mo dinaong lo bo lo rwele iketleetso ya Mafoko a a Molemo a kagiso.[16] Le mo godimo ga tsotlhe lo bo lo tseye thebe ya tumelo e e leng yone lo tlaa itseng go tima metswi yotlhe e e molelo ya yo o bosula ka yone.[17] Lo tseye tlhoro ya phemelo ya poloko, le tšhaka ya Mowa, e e leng lefoko la Modimo;

MATHEO 5:22
mme nna ke lo raya ke re, mongwe le mongwe yo o galefelang wa ga gabo ka bomo, o tlaa bo a na le go sekisiwa; mme le fa e le mang yo o tlaa rayang wa ga gabo a re: ‘Selo fela,’ o tlaa bo a na le go ya tshekong; le fa e le mang yo o tlaa reng, ‘Seeleele ke wena,’ o tlaa bo a lebanywe ke molete wa molelo.

BAROMA 3:23
Gonne botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo;

BAROMA 6:23
Gonne maduo a boleo ke loso; mme neo ya mpho fela ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng, mo go Keresete Jesu Morena wa rona.

GENESI 9:25
A re: “A go hutsege Kanana. O tlaa nna motlhanka wa batlhanka mo go bomorwa rraagwe.”

DIPESALEMA 104:9
O beile mmotwana gore a se ka a o tlola; gore a se ka a ba a boa a khurumetsa lefatshe.

GENESI 6:12
Modimo wa bona lefatshe, mme bona, le ne le senyegile; gonne batho botlhe ba sentse mekgwa ya bone mo lefatsheng.

GENESI 7:20
Metsi a kokomogela godimo tekanyo ya boleele jwa mabogo a le some le botlhano; le tsone dithaba tsa khurumetsega.

GENESI 8:5-9
[5] Metsi a nna a ngotlafala ka metlha yotlhe go ya go fitlha mo kgweding ya lesome; ka kgwedi ya lesome, le ka letsatsi la ntlha la kgwedi, ditlhora tsa dithaba tsa bonala.[6] Ga dirala ya re malatsi a le 40 a sena go feta, Noa a bula fensetere ya ntlo e e kokobalang e o neng a e dirile.[7] A ntsha mohukubu, mme wa tswa wa dikologa dikologa, ga tsamaya metsi a kgala mo lefatsheng.[8] A ba a ntsha lephoi, go bona gore a metsi a setse a ngotlegile mo lefatsheng.[9] Mme lephoi la se ka la fitlhela gope fa le ka bayang monoto wa lone gone, la boela kwa go ene kwa ntlong, gonne metsi a ne a sa ntse a bipile lefatshe lotlhe fela; a ntsha seatla sa gagwe, a le tsaya, a le busetsa mo go ene, mo ntlong.

GENESI 9:11
Ke tlaa tlhomamisa kgolagano ya me le lona; le gone nama yotlhe ga e ketla e tlhola e kgaolwa ka metsi a morwalela; le gone ga go ketla go tlhola go tla morwalela go senya lefatshe.”

BAROMA 12:14
Segofatsang ba ba lo bogisang; segofatsang, lo se ka lwa hutsa.

Tswana Bible 1908
Public Domain