A A A A A

God: [Commandments]


MAREKO 10:19
Ditaolo o a di itse tse di reng: ‘O se ka wa bolaya motho, o se ka wa dira boaka, o se ka wa utswa, o se ka wa supa tshupo ya kako, o se ka wa tsietsa, tlotla rraago le mmaago.’ ”

LUKA 18:20
Ditaolo o a di itse, di a re: “ ‘O se ka wa dira boaka, o se ka wa bolaya motho, o se ka wa utswa, o se ka wa supa tshupo ya kako, tlotla rraago le mmaago.’ ”

MATHEO 22:34-40
[34] Bafarisai ba re ba utlwa fa a tlhokisitse Basadukai puo, ba phuthega mmogo.[35] Mongwe wa bone, e le mophutholodi wa molao, a mmotsa ka go mo lalela,[36] a re: “Moruti, taolo e kgolo mo molaong ke efe?”[37] Mme a mo raya a re: “ ‘O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.’[38] E ke yone taolo e kgolo le ya ntlha.[39] E nngwe ya bobedi e e tshwanang nayo ke e: ‘O rate wa gaeno jaaka o ithata.’[40] Mo ditaolong tse pedi tse, go tshegeletswe molao otlhe le baperofeti mo go tsone.”

BAROMA 13:9
Gonne le le reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa iphetlha,” le fa go ka bo go le molao mongwe o sele, go sobokantswe mo lefokong le, la go re: “Rata wa gaeno jaaka o ithata.”

MATHEO 19:16-19
[16] Mme bonang, mongwe a tla kwa go ene a re: “Moruti, ana, ke direng se se molemo, gore ke bone botshelo jo bo sa khutleng?”[17] Mme a mo raya a re: “O mpoletsang ka ga se se molemo? Go mongwe fela yo o molemo; mme fa o rata go tsena mo botshelong, tshegetsa ditaolo.”[18] A mo raya a re: “Dife?” Jesu a re: “O se ka wa bolaya motho, o se ka wa dira boaka, o se ka wa utswa, o se ka wa supa maaka;[19] tlotla rraago le mmaago, gape, o rate wa gaeno jaaka o ithata.”

MATHEO 22:36-40
[36] a re: “Moruti, taolo e kgolo mo molaong ke efe?”[37] Mme a mo raya a re: “ ‘O rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago.’[38] E ke yone taolo e kgolo le ya ntlha.[39] E nngwe ya bobedi e e tshwanang nayo ke e: ‘O rate wa gaeno jaaka o ithata.’[40] Mo ditaolong tse pedi tse, go tshegeletswe molao otlhe le baperofeti mo go tsone.”

MATHEO 10:17-22
[17] Lo itise mo bathong; gonne ba tlaa lo neela ditshekong, ba tlaa lo seola mo matlong a bone a thuto.[18] Ee, lo tlaa isiwa fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me, go tla lo nna tshupo mo go bone le mo go Baditšhaba.[19] Mme e re mogang ba lo neelang mo ditshekong, lo se ka lwa tlhobaelela gore lo tlaa bua jang, le gore lo tlaa bua eng; gonne lo tlaa newa mo lobakeng loo fela se lo tlaa se buang.[20] Gonne e bo e se lona ba lo buang, mme e le Mowa wa ga Rraeno o o buang mo go lona.[21] “Motho o tlaa neela morwa rraagwe mo losong, le rramotho ngwana wa gagwe; bana ba tlaa tsogologela batsadi ba bone, ba ba bolaya.[22] Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me; mme yo o itshokelang bokhutlong, ene o tlaa bolokwa.

BAROMA 13:8-14
[8] Lo se ka lwa nna molato le ope, fa e se go ratana fela; gonne yo o ratang wa ga gabo o dirafaditse molao.[9] Gonne le le reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa iphetlha,” le fa go ka bo go le molao mongwe o sele, go sobokantswe mo lefokong le, la go re: “Rata wa gaeno jaaka o ithata.”[10] Lorato ga lo direle oo rra motho bosula; mme ke gone lorato ke tirafatso ya molao.[11] Ke bua jaana ka lo itse motlha, fa jaana e setse e le lobaka lwa lona lwa go tsoga mo borokong; gonne gompieno poloko e re atametse bogolo go jale ka re simolola go dumela.[12] Bosigo bo setse bo fetile, mme bosa bo atametse; ke gone, a re latlheng ditiro tsa lefifi, mme re apareng moitshomelo wa phemelo wa lesedi.[13] A re sepeleng ka tshiamo, jaaka mo motshegareng; e seng mo tlhapelong, le mo go tagweng, e seng mo boakeng le mo bofaweng, e seng mo kgannyeng le mo lefufeng.[14] Lo apare Morena Jesu Keresete, mme lo se ka lwa etleetsa nama, go dirafatsa dithato tsa yone.

MAREKO 12:28-34
[28] Mongwe wa bakwadi a tla, mme a utlwa ka fa ba botsanyang ka teng, mme ka a itse fa a ba fetotse sentle, a mmotsa a re: “Taolo e e leng tlhogo ya tsone tsotlhe ke efe?”[29] Jesu a mo fetola a re: “Ya tlhogo ke e: ‘Utlwa wena Iseraele. Morena Modimo wa rona, o mongwe fela;[30] gape, o rate Morena Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka tlhaloganyo yotlhe ya gago, le ka thata yotlhe ya gago.’[31] Ya bobedi ke e: ‘O rate mongwe ka wena jaaka o ithata.’ Ga go na taolo epe e e fetang tsone tse.”[32] Mme mokwadi a mo raya a re: “Ka mmaanete, Moruti, o buile sentle, jaaka o re: O mongwe fela, le gone: Ga go ope o sele fa e se ene.[33] Le go mo rata ka pelo yotlhe, le ka tlhaloganyo yotlhe, le ka thata yotlhe, le motho go rata mongwe ka ene jaaka a ithata, ke mo go gaisang ditshupelo tse di fisiwang di le boleka, le ditlhabelo tsotlhe.”[34] Ya re Jesu a bona fa a fetotse ka tlhaloganyo, a mo raya a re: “Ga o kgakala le bogosi jwa Modimo.” Morago ga mo ga se ka ga tlhola go le ope yo o pelokgale ya go mmotsa potso epe.

EKESODU 34:28
A nna gone le Jehofa ka malatsi a le 40, le masigo a le 40; ga a ka a ja dijo, le fa e le go nwa metsi. Mme a kwala mo matlapeng mafoko a kgolagano, e bong mantswe a a some.

DOITERONOMIO 4:13
A lo bolelela kgolagano ya gagwe, e o e lo laoletseng gore lo e dire, e bong ditaolo tse some, mme a di kwala mo matlapeng a le mabedi.

DOITERONOMIO 10:4
Mme a kwala mo matlapeng, jaaka go kwalwa ga ntlha, ditaolo tse some, tse Jehofa o ne a di buile le lona mo thabeng a le mo gare ga molelo ka letsatsi la phuthego, mme Jehofa a a nneela.

DOITERONOMIO 5:7-22
[7] “O se ka wa nna le medimo epe e sele fa e se nna.[8] “O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, e le setshwano sa sebopego sengwe se se kwa legodimong kwa godimo, kgotsa sa se se mo lefatsheng fa tlase, kgotsa sa se se mo metsing kwa tlase ga lefatshe.[9] “O se ka wa di ikobela, le fa e le go di direla, gonne, Nna Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borra ba bone go ya kokomaneng ya boraro, le go ya mo go ya bone ya ba ba nkilang.[10] Mme ba ba makgolokgolo a bone ba ba nthatang, ba tshegetsa ditaolo tsa me, ke ba supetse boutlwelobotlhoko.[11] “O se ka wa umakela leina la ga Jehofa Modimo wa gago lefela, gonne ene yo o umakelang leina la gagwe lefela, Jehofa ga a ketla a mo kaya a se na molato.[12] “Tlhokomela letsatsi la Sabata go le itshepisa, jaaka Jehofa Modimo wa gago a go laotse.[13] O dire o bo o swetse ditiro tsotlhe tsa gago ka malatsi a le marataro.[14] Mme letsatsi la bosupa ke Sabata wa ga Jehofa Modimo wa gago; o se ka wa dira tiro epe mo go lone, wena le fa e le morwao, le fa e le morwadio, le fa e le motlhanka wa gago, le fa e le lelata la gago, le fa e le pelesa ya gago, le fa e le esela ya gago, le fa e le diruiwa dipe tsa gago, le fa e le moeng wa gago yo o mo teng ga dikgoro tsa gago; gore motlhanka wa gago le lelata la gago le bone, ba ikhutse jaaka wena.[15] Le gone o gakologelwe fa wena o ne o le motlhanka mo lefatsheng la Egepeto, mme Jehofa Modimo wa gago a go ntsha teng ka letsogo la nonofo, le ka letsogo le le otlologileng: ke gone ka moo Jehofa Modimo wa gago o go laotseng gore o ilele letsatsi la Sabata.[16] “Tlotla rraago le mmaago, jaaka Jehofa Modimo wa gago a go laotse; gore malatsi a gago a nne maleele, le gore go ye sentle nao mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang.[17] “O se ka wa bolaya motho.[18] “Le gone o se ka wa dira boaka.[19] “Le gone o se ka wa utswa.[20] “Le gone o se ka wa supa maaka ka ga mongwe ka wena.[21] “Le gone o se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena; le gone o se ka wa eletsa ntlo ya mongwe ka wena; le fa e le motlhanka wa gagwe, le fa e le lelata la gagwe, le fa e le pelesa ya gagwe, le fa e le sepe se e leng sa mongwe ka wena.[22] “Mafoko ao, Jehofa a a bua le phuthego yotlhe ya lona mo thabeng, a le mo gare ga molelo, le ga leru, le ga lefifi le le kwenneng, a a bua ka lentswe le le godileng; mme a se ka a a oketsa. Mme a a kwala mo matlapeng a le mabedi a a nneela.”

DOITERONOMIO 6:21
Foo o tlaa raya morwao o re: ‘Re ne re le batlhanka ba ga Faro kwa Egepeto; Jehofa a re ntsha mo Egepeto ka letsogo le le nonofileng,

DOITERONOMIO 10:1-5
[1] “E rile ka baka loo Jehofa a nthaya a re: ‘Ipetlele matlapa a le mabedi a a tshwanang le a ntlha, o tlhatlogele kwano go nna mo thabeng, o bo o itirele letlole la logong.[2] Ke tlaa kwala mo matlapeng a, mafoko a a ne a le mo matlapeng a ntlha a o a thubileng, mme o tlaa a tsenya mo letloleng.’[3] “Jalo ka dira letlole ka mokala, ka betla matlapa a a tshwanang le a ntlha, ka tlhatloga mo thabeng ke tshotse matlapa a mabedi ka seatla.[4] Mme a kwala mo matlapeng, jaaka go kwalwa ga ntlha, ditaolo tse some, tse Jehofa o ne a di buile le lona mo thabeng a le mo gare ga molelo ka letsatsi la phuthego, mme Jehofa a a nneela.[5] Ka retologa ka fologa mo thabeng, ka tsenya matlapa mo letloleng le ke ne ke le dirile; ke gone kwa a gone jaaka Jehofa a ntaotse.”

EKESODU 20:1-17
[1] Modimo wa bua mafoko a otlhe, wa re:[2] “Ke nna Jehofa Modimo wa gago, yo ke go ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, mo ntlong ya botlhanka.[3] “O se ka wa nna le medimo epe e sele fa e se nna.[4] “O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, le fa e le setshwano sa sebopego sepe se se kwa legodimong kwa godimo, le fa e le sa se se mo lefatsheng kwa tlase, le fa e le sa se se mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe.[5] O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla; gonne Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borraabo, go ya kokomaneng ya boraro le ya bone ya ba ba nkilang;[6] mme ba makgolokgolo ba bone ba ba nthatang, ba tshegetsa ditaolo tsa me, ke ba supetse boutlwelo botlhoko.[7] “O se ka wa umakela leina la ga Jehofa Modimo wa gago lefela; gonne ene yo o umakelang leina la gagwe lefela, Jehofa ga a ketla a mo kaya a se na molato.[8] “Gakologelwa letsatsi la Sabata go le itshepisa.[9] O dire o bo o swetse tiro yotlhe ya gago ka malatsi a le marataro;[10] mme letsatsi la bosupa ke Sabata wa ga Jehofa Modimo wa gago; o se ka wa dira tiro epe ka lone, wena, le fa e le morwao, le fa e le morwadio, le fa e le motlhanka wa gago, le fa e le lelata la gago, le fa e le dikgomo tsa gago, le fa e le moeng wa gago yo o mo teng ga dikgoro tsa gago.[11] Gonne Jehofa o dirile legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go lone ka malatsi a le marataro, mme a ikhutsa ka letsatsi la bosupa; ke gone ka moo Jehofa o ne a segofatsa letsatsi la bosupa, a le itshepisa.[12] “Tlotla rraago le mmaago, gore malatsi a gago a nne maleele mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang.[13] “O se ka wa bolaya motho.[14] “O se ka wa dira boaka.[15] “O se ka wa utswa.[16] “O se ka wa supa maaka ka ga mongwe ka wena.[17] “O se ka wa eletsa ntlo ya mongwe ka wena, o se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena, le fa e le motlhanka wa gagwe, le fa e le lelata la gagwe, le fa e le kgomo ya gagwe, le fa e le esela ya gagwe, le fa e le sepe se e leng sa mongwe ka wena.”

EKESODU 24:12
Jehofa a raya Moše a re: “Tlhatlogela kwano go nna mo thabeng, mme o nne gone; ke tlaa go naya matlapa, le molao o ke o kwadileng le ditaolo, gore o di rute batho.”

EKESODU 34:10-29
[10] A re: “Bona, ke dira kgolagano; fa pele ga batho botlhe ba gago ke tlaa dira dikgakgamatso, tse di iseng di ke di dirwe mo lefatsheng lotlhe, le fa e le mo morafeng ope; batho botlhe ba o mo go bone ba tlaa bona tiro ya ga Jehofa, gonne se ke se dirang nao se a boitshega.[11] O tshegetse se ke se go laolelang gompieno; ke leleka fa pele ga gago Moamore, le Mokanana, le Mohite, le Moperise, le Mohife le Mojebuse.[12] O itise, o se ka wa dira kgolagano le banni ba lefatshe le o yang kwa go lone, gore e se ka ya nna seru mo gare ga lona.[13] Lo tlaa rutla dibeso tsa bone, lo thubaganye difikantswe tse di motloutlo tsa bone, lo reme medimako ya bone.[14] “Gonne ga o ketla o obamela modimo ope o sele; gonne Jehofa yo leina la gagwe go tweng, Kelefufa, ke Modimo o o lefufa ruri:[15] O ka tla wa dira kgolagano le banni ba lefatshe, wa akafalela medimo ya bone, wa isetsa medimo ya bone tshupelo, mme mongwe a go bitse, mme o ye go ja tshupelo ya gagwe;[16] wa tseisa bomorwao bomorwadia bone; bomorwadia bone ba akafalele medimo ya bone, ba fepe bomorwao, le bone ba akafalele medimo ya bone.[17] “O se ka wa itirela medimo epe e e thelwang.[18] “O tshegetse modiro wa senkgwe se se sa bedisiwang. O je senkgwe se se sa bedisiwang ka malatsi a supa jaaka ke go laotse, ka lobaka lo lo tlhomilweng, ka kgwedi ya Abibe; gonne o dule kwa Egepeto ka kgwedi ya Abibe.[19] “Botlhe ba maitibolo ke ba me; le tse ditonanyana mo dikgomong tsotlhe tsa gago, e bong maitibolo a kgomo le a sehutshane.[20] Leitibolo la esela o le rekolole ka sehutshanyane; mme fa o gana go le rekolola, o le komole thamo. Batsalwapele mo go bomorwao o ba rekolole. Ga go na ope yo o tlaa bonalang fa pele ga me a iphotlhere fela.[21] “O dire ka malatsi a le marataro, mme ka letsatsi la bosupa o ikhutse: mo lobakeng lwa go lema le lwa go roba, le gone o ikhutse.[22] “O tshegetse modiro wa dibeke; e bong wa mabutswapele a thobo ya mabele, le modiro wa go rora mabele mo bokhutlong jwa ngwaga.[23] “Lonna lotlhe lwa gago lo bonale gararo ka ngwaga fa pele ga Jehofa Modimo, Modimo wa Iseraele.[24] Gonne merafe ke tlaa e kgopholela kwa ntle fa pele ga gago, ke tlaa atlhamolosa melelwane ya gago; le gone ga go na motho ope yo o tlaa eletsang lefatshe la gago, mogang o yang go bonala fa pele ga Jehofa Modimo wa gago gararo ka ngwaga.[25] “O se ka wa isa madi a tshupelo ya me a na le senkgwe se se bedisitsweng; le gone tshupelo ya modiro wa tlolaganyo e se ka ya salela moso.[26] “Sa ntlha sa mabutswapele a lefatshe la gago o se ise mo ntlong ya ga Jehofa Modimo wa gago. O se ka wa tlhadia potsane ka maši a mmaayo.”[27] Jehofa a raya Moše a re: “Kwala mafoko a; gonne ke dirile kgolagano le wena le Iseraele ka fa mafokong a.”[28] A nna gone le Jehofa ka malatsi a le 40, le masigo a le 40; ga a ka a ja dijo, le fa e le go nwa metsi. Mme a kwala mo matlapeng mafoko a kgolagano, e bong mantswe a a some.[29] Ga dirala ya re Moše a fologa mo thabeng ya Sinai a na le matlapa a tshupo mo seatleng a bo a sa itse fa letlalo la sefatlhogo sa gagwe le phatsima, ka a buile le Jehofa.

DOITERONOMIO 6:4-9
[4] “A ko o utlwe, wena Iseraele, Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa yo mongwe fela.[5] O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago, le ka mowa otlhe wa gago, le ka nonofo ya gago yotlhe fela.[6] Mafoko a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago.[7] O a rute bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.[8] O a bofelele mo seatleng sa gago go nna sesupo, mme a nne sebeo sa fa gare ga matlho a gago.[9] O a kwale mo mephakwaneng ya mojako wa ntlo ya gago, le mo dikgorong tsa gago.

EKESODU 20:2-17
[2] “Ke nna Jehofa Modimo wa gago, yo ke go ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, mo ntlong ya botlhanka.[3] “O se ka wa nna le medimo epe e sele fa e se nna.[4] “O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, le fa e le setshwano sa sebopego sepe se se kwa legodimong kwa godimo, le fa e le sa se se mo lefatsheng kwa tlase, le fa e le sa se se mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe.[5] O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla; gonne Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke Modimo o o lefufa, yo ke beletsang bana tshiamololo ya borraabo, go ya kokomaneng ya boraro le ya bone ya ba ba nkilang;[6] mme ba makgolokgolo ba bone ba ba nthatang, ba tshegetsa ditaolo tsa me, ke ba supetse boutlwelo botlhoko.[7] “O se ka wa umakela leina la ga Jehofa Modimo wa gago lefela; gonne ene yo o umakelang leina la gagwe lefela, Jehofa ga a ketla a mo kaya a se na molato.[8] “Gakologelwa letsatsi la Sabata go le itshepisa.[9] O dire o bo o swetse tiro yotlhe ya gago ka malatsi a le marataro;[10] mme letsatsi la bosupa ke Sabata wa ga Jehofa Modimo wa gago; o se ka wa dira tiro epe ka lone, wena, le fa e le morwao, le fa e le morwadio, le fa e le motlhanka wa gago, le fa e le lelata la gago, le fa e le dikgomo tsa gago, le fa e le moeng wa gago yo o mo teng ga dikgoro tsa gago.[11] Gonne Jehofa o dirile legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go lone ka malatsi a le marataro, mme a ikhutsa ka letsatsi la bosupa; ke gone ka moo Jehofa o ne a segofatsa letsatsi la bosupa, a le itshepisa.[12] “Tlotla rraago le mmaago, gore malatsi a gago a nne maleele mo lefatsheng le Jehofa Modimo wa gago o le go nayang.[13] “O se ka wa bolaya motho.[14] “O se ka wa dira boaka.[15] “O se ka wa utswa.[16] “O se ka wa supa maaka ka ga mongwe ka wena.[17] “O se ka wa eletsa ntlo ya mongwe ka wena, o se ka wa eletsa mosadi wa mongwe ka wena, le fa e le motlhanka wa gagwe, le fa e le lelata la gagwe, le fa e le kgomo ya gagwe, le fa e le esela ya gagwe, le fa e le sepe se e leng sa mongwe ka wena.”

EKESODU 31:18
E rile a sena go wetsa go bolelelana le Moše mo thabeng ya Sinai, a mo neela matlapa a le mabedi a tshupo, e le matlapa a a kwadilweng ka monwana wa Modimo.

JOHANE 14:15
“Fa lo nthata lo tlaa tshegetsa ditaolo tsa me.

MATHEO 19:18
A mo raya a re: “Dife?” Jesu a re: “O se ka wa bolaya motho, o se ka wa dira boaka, o se ka wa utswa, o se ka wa supa maaka;

JOHANE ١٥:١٠
Fa lo tshegetsa ditaolo tsa me, lo tlaa nna mo loratong lwa me; fela jaaka ke tshegeditse ditaolo tsa ga Rre, mme ke ntse mo loratong lwa gagwe.

MATHEO ٥:١٧
“Lo se ka lwa itlhoma gore ke tsile go senya molao le fa e le baperofeti; ga ke a tla go senya, fa e se go tlhomamisa fela.

EKESODU 32:15
Moše a boa, a fologa mo thabeng, a tshotse matlapa a mabedi a tshupo; e le matlapa a a kwadilweng ka fa ntlheng tsoo pedi; a kwadilwe ka fa ntlheng nngwe le ka fa ntlheng e nngwe.

JOHANE 15:12-17
[12] Taolo ya me ke e, gore lo ratane, fela jaaka le nna ke lo ratile.[13] Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo, fa motho a ka beela ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe.[14] Lona lo ditsala tsa me, fa lo dira dilo tse ke di lo laolelang.[15] Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka; gonne motlhanka ga a itse se morena wa gagwe o se dirang; mme ke lo biditse ditsala; gonne dilo tsotlhe tse ke di utlwile mo go Rre, ke di lo itsisitse.[16] Ga lo a ka lwa intshenkela; ke nna ke itshenketseng lona, mme ka lo laolela go ya go ungwa, le gore loungo lwa lona lo tlhomame; gore e tle e re se lo se lopang Rara, le fa e ka nna eng, ka leina la me, a se lo neye.[17] Dilo tse ke a di lo laolela, gore lo ratane.

EKESODU 32:16
Matlapa e ne e le tiro ya Modimo, le go kwala e le go kwala ga Modimo, go gabilwe mo matlapeng.

EKESODU 34:27
Jehofa a raya Moše a re: “Kwala mafoko a; gonne ke dirile kgolagano le wena le Iseraele ka fa mafokong a.”

Tswana Bible 1908
Public Domain