BAEFESO 4:26-31 |
[26] Lo nne bogale, mme lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se lo phirimele lo sa le bogale;[27] le gone lo se ka lwa naya diabolo sebaka.[28] Yo o utswileng a a se tlhole a utswa, mme bogolo a a dire, a dire se se molemo ka diatla tsa gagwe, gore a tle a dirane le se o ka se nayang yo o tlhokang.[29] A go se tswe puo epe e e bodisang mo melomong ya lona, fa e se e e molemo fela go agelela ka fa go tlhokafalang ka teng, gore e tle e neye ba ba utlwang lesego.[30] Lo se ka lwa hutsafatsa Mowa o o Boitshepo wa Modimo, o lo kaneletsweng letsatsi la thekololo ka one.[31] A go latlhwe mangadingadi, kgakalo, bogale, komang, go kgala le kilo yotlhe. |
|
JAKOBO 1:19-20 |
[19] Mo, lo a go itse, bagaetsho ba ba rategang. A motho mongwe le mongwe a nne bonako go utlwa, le bonya go bua, le bonya go tlala bogale;[20] gonne bogale jwa motho ga bo dire tshiamo ya Modimo. |
|
DIANE 29:11 |
Seeleele se tle se bolele bogale jotlhe jwa sone, mme motho yo o botlhale o a bo kganela a bo didimatse. |
|
MORERI 7:9 |
O se ka wa potlaka mo moweng wa gago go nna bogale; gonne bogale bo nna mo sehubeng sa dieleele. |
|
DIANE 15:1 |
Phetolo e e bonolo e thibosa bogale, mme lefoko le le tlhokofatsang le tle le tlhotlheletse bogale. |
|
DIANE 15:18 |
Motho yo o šakgalang bobe o tlhotlheletsa kgang, mme yo o bonya go galefa o kokobetsa komano. |
|
BAKOLOSE 3:8 |
Mme jaanong, le lona lo latlhe dilo tse tsotlhe fela; e bong bogale, kgakalo, le kilo, le kgalo le dipuo tsa botlhabisa ditlhong; lo di tlose mo melomong ya lona. |
|
JAKOBO 4:1-2 |
[1] Ana dintwa di tswa kae, le ditlhabano di tswa kae mo go lona? A ga di tswe mo, e bong mo dikgatlhegong tse di lwang mo ditokololong tsa lona?[2] Lo tle lo eletse, mme ga lo bone sepe; lo bolaye, lo nne lefufa, lo retelelwe ke go bona sepe; lo tlhabane, lo lwe, mme ga lo bone sepe ka gobo lo sa lope. |
|
DIANE 16:32 |
Yo o bonya go galefa o gaisa yo o thata, le yo o laolang mowa wa gagwe o gaisa yo o gapang motse. |
|
DIANE 22:24 |
O se ka wa itsalanya le motho yo o tlwaetseng go nna bogale; o bo o se ka wa tsamaya le motho yo o šakgalang thata; |
|
MATHEO 5:22 |
mme nna ke lo raya ke re, mongwe le mongwe yo o galefelang wa ga gabo ka bomo, o tlaa bo a na le go sekisiwa; mme le fa e le mang yo o tlaa rayang wa ga gabo a re: ‘Selo fela,’ o tlaa bo a na le go ya tshekong; le fa e le mang yo o tlaa reng, ‘Seeleele ke wena,’ o tlaa bo a lebanywe ke molete wa molelo. |
|
DIPESALEMA 37:8-9 |
[8] Bakela bogale, o lese kgakalo; o se ka wa itshwenya, ka go itshwenya go tle go ise kwa bosuleng.[9] Gonne badirabosula ba tlaa kgaolwa; mme ba ba lebeletseng mo go Jehofa ba tlaa rua lefatshe. |
|
DIPESALEMA 7:11 |
Modimo ke moatlhodi yo o siameng, ee, one ke Modimo o o galefang ka malatsi otlhe. |
|
2 DIKGOSI 11:9-10 |
[9] Balaodi ba makgolo ba dira ka fa go tsotlhe tse Joiata moperesiti o di laotseng; mongwe le mongwe a tsaya banna ba gagwe ba ba laotsweng go tsena ka Sabata, le bone ba ba laotsweng go tswa ka Sabata, ba tla kwa go Joiata moperesiti.[10] Moperesiti a neela balaodi ba makgolo marumo le dithebe tse e kileng ya ne e le tsa kgosi Dafite, tse di mo ntlong ya ga Jehofa. |
|
2 DIKGOSI 17:18 |
Ke gone ka moo Jehofa a nna bogale thata le Baiseraele, a ba tlosa mo ponong ya gagwe; go ne go sa sala ope fa e se lotso lwa Juta lo le losi fela. |
|
DIANE 14:29 |
Ene yo o bonya ga galefa o na le tlhaloganyo e kgolo, mme yo o mowa o potlakang o godisa bosilo. |
|
Tswana Bible 1908 |
Public Domain |