A A A A A

Additional: [Cannibalism]


JEREMIA 19:9
Ke tlaa ba jesa nama ya bana ba bone ba basimane, le nama ya bana ba bone ba basetsana, mongwe le mongwe o tlaa ja nama ya tsala ya gagwe mo go dikweng ga motse, le mo pitlaganong e baba ba bone, le ba ba senkang botshelo jwa bone, ba tlaa ba pitlaganyang ka yone.’

HESEKIELE 5:10
Ke gone borrabana ba tlaa ja bana ba bone mo gare ga gago, le bana ba tlaa ja borraabo; ke tlaa dirafatsa ditshekiso mo go wena, masalela otlhe a gago ke tlaa a gasamisetsa kwa diphefong tsotlhe fela.

LEFITIKO 26:29
Lo tlaa ja nama ya bomorwaa lona, le nama ya bomorwadia lona lo tlaa e ja.

2 DIKGOSI 6:28-29
[28] Kgosi ya mo raya ya re: “O bolawa ke eng?” A e fetola a re: “Mosadi yo, o ne a nthaya a re: ‘Ntsha morwao, gore re mo je gompieno, mme re tlaa ja morwaake ka moso.’[29] Mme ra apaya morwaake, ra mo ja; ya re ka moso ka mo raya ka re: ‘Ntsha morwao, gore re mo je’, mme o subile morwawe.”

DILELO TSA GA JEREMIA 4:10
Diatla tsa basadi ba ba pelonamagadi di apeile bana ba bone tota; e ne e le dijo tsa bone mo tshenyegong ya morwadia batho ba me.

DILELO TSA GA JEREMIA 2:20
Leba Jehofa, o bone ba o ba diretseng jaana! A basadi ba tlaa ja loumo lwa bone, e bong banyana ba ba akgolwang ka mabogo? A moperesiti le moperofeti ba tlaa bolaelwa mo felong ga boitshepo ga Morena?

DOITERONOMIO 28:53-57
[53] “O tlaa ja loumo lwa mmele wa gago tota, nama ya bana ba gago ba basimane le ba basetsana, ba Jehofa Modimo wa gago o ba go neileng; mo tlhaselong le mo pitlaganong e baba ba gago ba tlaa go pitlaganyang ka yone.[54] Monna wa seitlotli mo go lona, le yo o masisi thata, leitlho la gagwe le tlaa sulafalela morwa rraagwe, le mosadi wa gagwe yo o nnang mo sehubeng sa gagwe, le masalela a bana ba gagwe ba ba mo saletseng.[55] Ke go re, ga a ketla a naya ope wa bone nama ya bana ba gagwe ba o tlaa ba jang, ka a sa salelwa ke sepe; go tewa mo tlhaselong le mo pitlaganong e mmaba wa gago o tlaa go pitlaganyang ka yone, ka dikgoro tsotlhe tsa gago.[56] Mosadi wa seitlotli, le yo o masisi mo go lona, yo o ne a sa kake a leka go baya lonao lwa gagwe fa fatshe ka ntlha ya bosisi le boitlotlo, leitlho la gagwe le tlaa sulafalela monna wa gagwe yo o nnang mo sehubeng sa gagwe, le morwawe, le morwadie;[57] le motlhana wa gagwe o o tswang mo gare ga dinao tsa gagwe, le bana ba gagwe ba o tlaa ba tsalang; gonne o tlaa ba jesediwa mo sephiring ke go tlhoka dilo tsotlhe, mo tlhaselong le mo pitlaganong e mmaba wa gago o tlaa go pitlaganyang ka yone ka dikgoro tsa gago.

GENESI 1:26-27
[26] Modimo wa re: “A re direng motho mo setshwanong sa rona, ee, ka fa setshwanong sa rona; le gone a a laole ditlhapi tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le dikgomo, le lefatshe lotlhe, le sengwe le sengwe se se gagabang fa fatshe.”[27] Modimo wa tlhola motho mo setshwanong sa one tota, wa mo tlhola mo setshwanong sa Modimo; wa ba tlhola nona le tshadi.

2 BAKORINTHE 5:8
Ka re, re a nametsega, mme re rata bogolo ra bo re se mo mmeleng, mme re le kwa gae le Morena.

LUKA 16:19-26
[19] “Jaana ga bo go le monna mongwe, a humile, a apere bohibidu le leloba le le boleta, a tshela fela ka malatsi otlhe mo letlepung le mo bontlentleng.[20] Ga bo go le mokopi mongwe yo o bidiwang Lasaro, a beilwe fa kgorong ya gagwe a tletse dintho.[21] A eletsa go otlwa ka matlhotlhora a a wang mo lomating lwa bojelo lwa mohumi; ee, dintša le tsone tsa tla tsa latswa dintho tsa gagwe.[22] “Ga dirala gore mokopi a swa, mme baengele ba mmelegela kwa sehubeng sa ga Aberahame, mohumi le ene a swa, a fitlhwa.[23] O rile a le mo Bobipong, a tsholetsa matlho a gagwe, a le mo ditlhokofatsong tse ditona, mme a bona Aberahame kwa kgakala, le Lasaro a le mo sefubeng sa gagwe.[24] Mme a goa a re: ‘Aberahame, Rra, nkutlwela botlhoko, o rome Lasaro, gore a tle a ine ntlha ya monwana wa gagwe mo metsing, a ntsidifatse loleme, gonne ke tlhokofadiwa mo gogolo mo kgabong e.’[25] “Aberahame a re: ‘Morwaaka, gopola jaaka e rile mo botshelong jwa gago o ne o amogetse dilo tse di molemo tsa gago, le jaaka Lasaro le ene a ne a na le dilo tse di bosula; mme jaanong, ene o a gomodiwa, mme wena o tlhokofadiwa mo gogolo.[26] Bogolo go tsotlhe tse, fa gare ga rona le lona, go tlhomilwe phatlha e kgolo e e se nang bogato; gore ba ba kwano, ba ba ratang go fetela koo go lona, ba retelelwe; le koo ba ba ratang go tla kwano go rona, ba retelelwe.’

TSHENOLO 20:11-15
[11] Ka bona setulo se segolo se sesweu sa bogosi, le ene yo o dutseng mo go sone, yo lefatshe le tshabileng sefatlhogo sa gagwe, le legodimo; mme ga se ka ga fitlhelwa fa a ka nnang teng.[12] Ka bona baswi, bagolo le bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi; mme dikwalo dingwe tsa menololwa; lokwalo lo longwe lwa menololwa, lo e leng lokwalo lwa botshelo; mme baswi ba atlholwa ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong, ka fa ditirong tsa bone.[13] Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso lwa ntsha baswi ba ba mo go lone, le Bobipo jalo; ba atlholwa botlhe ka fa ditirong tsa bone.[14] Loso lwa latlhelwa mo bodibeng jwa molelo, le Bobipo jalo. Lo ke lone loso lwa bobedi, e bong bodiba jwa molelo.[15] Mme fa mongwe a ne a fitlhelwa a sa kwalwa mo lokwalong lwa botshelo, o ne a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo.

DOITERONOMIO 28:53
“O tlaa ja loumo lwa mmele wa gago tota, nama ya bana ba gago ba basimane le ba basetsana, ba Jehofa Modimo wa gago o ba go neileng; mo tlhaselong le mo pitlaganong e baba ba gago ba tlaa go pitlaganyang ka yone.

1 BAKORINTHE 14:34-35
[34] A basadi ba didimale mo diphuthegong; gonne ga ba a leselediwa go bua; mme a ba nne mo boingotlong, jaaka go bua le one molao.[35] Fa ba rata go itse sengwe, a ba botse banna ba bone kwa gae; gonne ke ditlhong fa mosadi a ka bua mo phuthegong.

LUKA 1:37
Gonne ga go na lefoko lepe le le tswang Modimong le le ka tlhokang nonofo.”

JOHANE 1:1
E rile mo tshimologong Lefoko a bo a ntse a le yo, mme Lefoko a bo a ntse a na le Modimo, mme Lefoko ya bo e le ene Modimo.

DOITERONOMIO 28:57
le motlhana wa gagwe o o tswang mo gare ga dinao tsa gagwe, le bana ba gagwe ba o tlaa ba tsalang; gonne o tlaa ba jesediwa mo sephiring ke go tlhoka dilo tsotlhe, mo tlhaselong le mo pitlaganong e mmaba wa gago o tlaa go pitlaganyang ka yone ka dikgoro tsa gago.

1 TIMOTHEO 2:11-15
[11] A mosadi a ithute mo tidimalong ka boineelo jotlhe.[12] Ga ke leseletse mosadi go ruta, le fa e le go dira le taolo mo monneng, fa e se go nna mo tidimalong fela.[13] Gonne Atame o bopilwe pele, mme Efa kwa morago;[14] Atame ga a ka a tsiediwa, mme mosadi e rile ka a tsieditswe a wela mo tlolong;[15] mme o tlaa bolokwa ka pelego, fa ba tswelela mo tumelong, le mo loratong, le mo boitshepisong ka boikgapo.

1 TIMOTHEO 5:3-16
[3] Tlotla basadi ba batlholagadi ba e leng batlholagadi ruri.[4] Fa mosadi mongwe wa motlholagadi a na le bana, kgotsa ditlogolo, a bao ba ithute pele go itshupa bopelonomi mo go ba ga bone, le go leboga batsadi ba bone; gonne mo, go lebosega mo matlhong a Modimo.[5] Aitse mosadi yo e leng motlholagadi ruri, a bile a tlogetswe a le mo paeng fela, tsholofelo ya gagwe e tlhomilwe mo Modimong, o tle a tswelele mo mekokotlelong le mo merapelong bosigo le motshegare.[6] Mme mosadi wa motlholagadi yo o ineelang mo dikgatlhegong, o sule a sa ntse a tshedile.[7] Le tsone dilo tse o di ba laolele, gore ba tle ba nne ba se na mokgobo.[8] Fa mongwe a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o latotse tumelo, mme o bosula go gaisa yo o sa dumeleng.[9] Mosadi ope a se ka a kwalwa e le motlholagadi a ise a nne dinyaga di le 60, e le yo o kileng a nyalwa ke monna a le mongwe fela.[10] A bolelwa sentle ke ditiro tse di molemo; fa a godisitse bana, fa a bolokile baeng, fa a tlhapisitse baitshepi dinao, fa a thusitse ba ba mo pitlaganong, fa a tsweletse pele ka tlhoafalo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo.[11] O gane basadi ba batlholagadi ba ba sa ntseng ba le meroba; gonne e tlaa re ba babalelwa ke taolo ya ga Keresete, ba rate go nyalwa;[12] mme ba bone tshekiso, ka gobo ba latlhile ikano ya bone ya ntlha.[13] Le gone ba ithute botshwakga, ba nne ba dikologe le matlo; mme ga se go re ba ditshwakga fela, e bile ke babalabadi le balotlhanyi, ba bue dilo tse ba sa tshwanelang go di bua.[14] Ke gone, ke rata gore batlholagadi ba ba sa ntseng ba le meroba ba nyalwe, ba bone bana, ba laole ntlo, ba tlhoke le go naya mmaba lobaka lope lwa go kgala;[15] gonne le jaana bangwe ba setse ba fapogile ba ile le Satane.[16] Fa mosadi mongwe yo o dumelang a na le basadi ba batlholagadi, e le ba ga gabo, a a ba thuse, mme phuthego e se imediwe; gore e tle e thuse ba e leng batlholagadi ruri.

1 BAKORINTHE 11:2-16
[2] Jaana ke a lo baka ka lo tle lo nkgopole mo dilong tsotlhe, mme lo tshegeditse ditao, fela jaaka ke di lo neetse.[3] Mme ke rata gore lo itse fa tlhogo ya monna mongwe le mongwe e le Keresete; le tlhogo ya mosadi ke monna; le tlhogo ya ga Keresete ke Modimo.[4] Monna mongwe le mongwe yo o rapelang, kgotsa a ruta a rwele mo tlhogong, o tlotlolola tlhogo ya gagwe.[5] Mosadi mongwe le mongwe yo o rapelang, kgotsa a ruta, tlhogo ya gagwe e bipologile o tlotlolola tlhogo ya gagwe, gonne go tshwana fela jaaka a ka bo a beotswe.[6] Gonne fa mosadi a sa ipipe tlhogo, le gone a kutwe; mme fa e le ditlhong mo mosading go kutwa, le fa e le go beolwa, a ipipe tlhogo.[7] Le gale monna ga a a tshwanela go ipipa tlhogo, ka e le ene setshwano le kgalalelo ya Modimo, mosadi ke kgalelelo ya monna.[8] Gonne monna ga a a ntshiwa mo mosading, mme mosadi o ntshitswe mo monneng:[9] le gone monna ga a a bopelwa mosadi, mme mosadi o bopetswe monna.[10] Ke gone ka moo mosadi o tshwanetseng go dirana le sesupo sa go nna mo taolong mo tlhogong ya gagwe, ka ntlha ya baengele.[11] Le fa go ntse jalo mo Moreneng, mosadi ga a kwa ntle ga monna, le monna ga a kwa ntle ga mosadi.[12] Gonne jaaka mosadi a ntshitswe mo monneng, monna le ene o belegwe ke mosadi; mme dilo tsotlhe di tswa mo Modimong.[13] Lo sekasekeng ka losi; a go gontle fa mosadi a rapela Modimo a sa ipipa tlhogo?[14] A le tlholego ya batho ga e lo rute, gore fa monna a na le moriri o moleele, ke ditlhong mo go ene?[15] Mme fa mosadi a na le moriri o moleele, ke kgalalelo mo go ene; gonne moriri wa gagwe o o neilwe gore o nne seipipo.[16] Mme fa motho a rata go nna kgang, rona ga re na mokgwa o o ntseng jalo, le fa e le diphuthego tsa Modimo ga di na nao.

Tswana Bible 1908
Public Domain